1MI Yehova a raea Yobe, a re,
2Eo o ganelañ le Mothatietle a o tla mo kaela? eo o buelañ Morimo a a go arabe.
3¶ Ereha gona Yobe o arabañ Yehova, a re,
4Bona, ki nyatsego; ki tla gu araba kañ? ki tla baea atla sa me mo molomoñ oa me.
5Ki buile gañue; mi ga ’nkitla ki araba: E, ga tu, mi ga ’nkitla ki oketsa.
6¶ Mi Yehova a araba Yobe, a le mo sehehoñ, a re,
7Ikokoaele lotheka loa gago yana, yaka monona: ki tla gu botsa, mi u ’nkitsise.
8A u tla cupuetsa tsiamisho ea me? a u tla ’ntatuhatsa, gore u siamisioe?
9A u na le lecogo yaka Morimo? khotsa a u ka riha tumo ea maru ka koru yaka ona?
10U ikhabise yana ka bonatla le ikhorisho; u ikapese ka khalalelo le boiñtle.
11Halatsa yayarego ea bogale yoa gago, mi u lebe babopeluumpi botle, u ba khoabalatse.
12Leba babopeluumpi botle, u ba katise; mi phatlakanya baikepi mo heloñ ga bona.
13U ba hitle mo loroleñ mogo; boha hatlogo tsa bona mo sephiriñ.
14Ki gona le ’na ki tla gu bakañ, gone atla sa gago se se siameñ se ka gu golola.
15¶ Yana bona behemota, e ki e rihileñ yaka uena; e ya boyañ yaka khomu.
16A ko u bone, nonoho ea eona e mo mañkopeñ a eona; le thata ea eona e mo khubuñ ea empa ea eona.
17E cokotsa mogatla oa eona yaka mosedara: mesiha ea lirope tsa eona e ñanaganye.
18Marapo a eona a cuana le litsama tsa khotlo; marapo a eona a cuana le mephakalego ea tsipi.
19E le e kholu bogolu ea litiho tsa Morimo; o o e rihileñ o e tlamile caka ea eona.
20Gone lithaba li e merisetsa liyo, kua tse ri tserileñ cotle tsa naga li tsamekañ gona.
21E itelega tlatse ga tlare tsa moroti, le mo boicubeloñ yoa litlaka le loraga.
22Tlare tsa moroti li e sira ka moroti oa cona; merebonoka ea melacoana e e rikologile.
23Bona, leha molapo o e penologela, ga e tsabe: e ikanya leha Yoredane o phothosela mo molomoñ oa eona.
24 E mañ eo o ka e cuarañ ha pele ga maitlo a eona? le go phunya eñko ea eona ka e le mo liruñ?
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
