1MI Yehova a bua le Moshe, a re,
2Bua le bana ba Yeserele, gore ba ’ntsele cupelo ea culeco; lo tsee cupelo ea me ea culeco go mononeñ moñue le moñue eo pelu ea gague e meleegisañ.
3Mi cupelo ea culeco e ki eona e, lo e tseeñ go bona; gouda, le selevera le khotlo,
4Le bobururu, le porepura, le sekarelata, le leñe ye le lokhehe le boboea yoa lipori;
5Le matlalo a lipheleu a a hubiricoeñ, le matlalo a mañyiri, le logoñ loa moshitima,
6 Le loukuane loa leseri, le lilo tsa loñko tsa loukuane loa tlolo, le ensense ea tse ri natehañ;
7 Le mayana a shohama, le mayana go tseñoa mo efodeñ, le mo mokhaboñ oa sehuba.
8Mi a ba ’ntihele helo ga boitsepho; gore ki nne mo go bona.
9Le go riha kaha cotleñ tse ki li gu bontsañ, le kaha sekaeloñ sa taberenakela, le kaha sekaeloñ sa lilo tsa eona.
10¶ Mi a ba rihe areke ea logoñ loa moshitima; bolele yoa eona bo ne likubeta li tu le eintla eñue ea kubeta, boatlamo yoa eona bo ne kubeta e le eñue le eintla eñue ea kubeta, bogorimo yoa eona bo ne kubeta e le eñue le eintla eñue ea kubeta.
11Mi u e manege gouda e e sa pekoañ; e manege ka kua teñ le ka kua eintle; mi e rikolose ka segomo sa gouda.
12Mi u e thelele mehitsana e le for, mi u e tsenye mo khokhocoñ li for tsa eona; mi a mehitsana e le tu e ne eintleñ e le eñue ea eona, le mehitsana e le tu e ne mo eintleñ e le eñue ea eona.
13Mi riha litsikaro tsa logoñ loa moshitima, mi li manege gouda.
14Mi tsenya litsikaro mo mehitsaneñ e e ha eintleñ tsa areke, gore areke e sikaroe ka cona.
15Litsikaro a li ne mo mehitsaneñ ea areke, a li si shomoloe go eona.
16Mi seshupo se ki tla se gu naeañ, u se tsenye mo arekeñ.
17¶ Mi u rihe sekhurumelo sa thuanyo sa gouda e e sa pekoañ; bolele yoa shona bo ne likubeta li tu le eintla eñue ea kubeta, le boatlamo yoa shona bo ne kubeta e le eñue le eintla eñue ea kubeta.
18Mi riha likeruba tsa gouda li tu; li rihe tsa gouda e e kuentsicoeñ, ha eintleñ li tu tsa sekhurumelo sa thuanyo.
19Mi u rihe keruba e le eñue, ha eintleñ eñue, le keruba e le eñue ha eintleñ e eñue: mi u rihe likeruba ha eintleñ li tu tsa sekhurumelo sa thuanyo.
20Mi likeruba a li tsarololele gorimo phuka tsa cona, li khurumetse sekhurumelo sa thuanyo ka phuka tsa cona, mi a hatlogo tsa cona li lebane; lihatlogo tsa likeruba a li lebe kua sekhurumeloñ sa thuanyo.
21Mi u bee sekhurumelo sa thuanyo ha gorimo ga areke; mi seshupo se ki tla se gu naeañ, u se tsenye mo arekeñ.
22Mi ki tla khatlanela nau gona, mi ki tla bua le uena ga cotle tse ki tla li gu laolelañ bana ba Yeserele ki le gorimo ga sekhurumelo sa thuanyo, gare ga likeruba li tu, tse ri ha arekeñ ea seshupo.
23¶ Le gona, u rihe loyelo loa logoñ loa moshitima; bolele yoa lona bo ne likubeta li tu, mi boatlamo yoa lona bo ne kubeta e le eñue, mi bogorimo yoa lona bo ne kubeta e le eñue le eintla eñue ea kubeta.
24Mi u lo manege gouda e e sa pekoañ, mi u lo rikolose ka segomo sa gouda.
25Mi u lo rikolose ka masinamelo, a le kana ka katlamo ea seatla, mi u rihele masinamelo segomo sa gouda tikologoñ.
26Mi u lo rihele mehitsana e le for ea gouda, mi tsenya mehitsana mo khokhocoñ li for, tse ri mo mautuñ a for a lona.
27A mehitsana e ne ha tlatse ga masinamelo, go tsenya litsikaro go eona go sikara loyelo.
28Mi u rihe litsikaro tsa logoñ loa moshitima, mi u li manege gouda, gore loyelo lo sikaroe ka cona.
29Mi u rihe meritsana ea lona, le lisensera tsa lona, le mehayana ea lona, le lithelo go thela ka cona: u li rihe tsa gouda e e sa pekoañ.
30Mi u bee liñkhue tsa cupo ha pele ga me ka gale ha loyeloñ lo.
31¶ Mi u rihe tlomo sa lobone sa gouda e e sa pekoañ: a tlomo sa lobone se rihoe ka tiho e e kuentsicoeñ: thito ea shona, le kala tsa shona, le meritsanyana ea shona, le kholokuane tsa shona, le liceshe tsa shona, a li ne yalo;
32Mi a likala li sekes li coe mo eintleñ tsa shona; likala li teri tsa tlomo sa lobone li coe mo eintleñ e le eñue, le likala li teri tsa tlomo sa lobone li coe mo eintleñ e eñue:
33A meritsanyana e teri yaka liamandela, le kholokuane, le sesheshe li ne mo kaleñ e le eñue, le meritsanyana e teri yaka liamandela, le kholokuane, le sesheshe li ne mo kaleñ e le eñue: mi a go ne yalo mo kaleñ li sekes tse ri coañ mo tlomoñ sa lobone.
34Mi a meritsanyana e le for yaka liamandela le kholokuane tsa eona, le liceshe tsa eona li ne mo tlomoñ sa lobone.
35Mi a go ne kholokuane tlatse ga likala li tu tsa shona, le kholokuane tlatse ga likala li tu tsa shona, le kholokuane tlatse ga likala li tu tsa shona, kaha kaleñ li sekes, tse ri coañ mo tlomoñ sa lobone.
36Kholokuane tsa cona, le kala tsa cona, a li ne yaka shona: Cotle tsa shona a li ne tsa gouda e e sa pekoañ, ea tiho e le eñue e e kuentsicoeñ.
37Mi u rihe lilampa li seven tsa shona: mi lilampa tsa shona li cuyoe, gore li bonese go lebagana le shona.
38Mi lipomo tsa shona, le lipomelo tsa shona, a li ne tsa gouda e e sa pekoañ.
39A se rihoe, le lilo cotle tseuo, ka talenta ea gouda e e sa pekoañ:
40Mi u itise, gore u li rihe kaha sekaeloñ sa cona se u se bontsicoeñ mo thabeñ.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.