Lipalo 9 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 9.

1MI Yehova a bua le Moshe mo bogareñganaga yoa Sinai, ka khueri ea eintla ea ñuaga oa bo‐tu, morago ga go coa ga bona mo hatsiñ ya Egepeto, a re,

2A bana ba Yeserele ba rihe Tlolaganyo mo motleñ oa eona o o laocoeñ.

3Lo e rihe ka matsiboea a tsatsi ya bo‐forten ya khueri enu, mo motleñ oa eona o o laocoeñ: lo e rihe kaha taeoñ tsa eona cotle, le kaha mekhueñ ea eona eotle.

4Mi Moshe a bua le bana ba Yeserele, gore ba rihe Tlolaganyo.

5Mi ba riha Tlolaganyo ka matsiboea a tsatsi ya bo‐forten ya khueri ea eintla mo bogareñganaga yoa Sinai; bana ba Yeserele ba riha hela yalo, kaha cotleñ tse Yehova a la a li laolela Moshe.

6¶ Mi gabo gole banona ba ba le ba itsekolocoe ka serepa sa mothu, mi ba le ba palelca ki go riha Tlolaganyo ka tsatsi yeuo: mi ba ea ha pele ga Moshe le Arone ka tsatsi yeuo.

7Mi banona ba, ba mo raea, Re itsekolocoe ki serepa sa mothu; re khorelericoeñ go isa cupelo ea ga Yehova ka motla o o laocoeñ oa eona, mo baneñ ba Yeserele?

8Mi Moshe a ba raea, Emañ, mi ki tla utlua se Yehova o tla se laolañ kaga lona.

9¶ Mi Yehova a bua le Moshe, a re,

10Bua le bana ba Yeserele, u re, Ha moñue oa lona, khotsa oa kokomana tsa lona eo o tla itsekololoañ ka serepa, leha a le mo etoñ lo lolele, leha gontse yalo a a rihele Yehova Tlolaganyo.

11A ba e rihe, ba e ye le tse ri sa berisioañ le merogo e e galakañ ka matsiboea a tsatsi ya bo‐forten ya khueri ea bo‐tu.

12A ba si bele mosho sepe sa eona, le esiñ go roba sapo lepe ya eona: a ba e rihe kaha taeoñ cotle tsa Tlolaganyo.

13Mi ha monona eo o itsekileñ, a si mo loetoñ, mi a khutla go riha Tlolaganyo, a mothu eouo a khaoloe mo bathuñ ba gague: gone a si ka a isa cupelo ea ga Yehova mo motleñ oa eona o o laocoeñ, monona eo a a belege seleo sa gague.

14Mi ha moeñ a tlolatlola mo go lona, mi a rihela Yehova Tlolaganyo; a a rihe kaha taeoñ ea Tlolaganyo, le kaha mokhueñ oa eona: lo ne le taeo e le eñue go moeñ, le go eo o tsecoeñ mo gae.

15¶ Mi leru ya khurumetsa taberenakela, eboñ tenta ea seshupo, ka tsatsi ye taberenakela e le ea tloñoa ka yeona: mi ga na cuano ea molelo ka matsiboea gorimo ga taberenakela go ea kua moshoñ.

16Mi ga na yalo ka gale: leru ya e khurumetsa ka motsegare, mi cuano ea molelo e le le ka bosigo.

17Mi eare leru le culerioa gorimoñ ga tenta, ereha gona bana ba Yeserele ba tlogañ morago ga mouo; mi helo kua leru le nnañ gona, bana ba Yeserele ba tlaolela gona.

18Bana ba Yeserele ba tloga ka molomo oa ga Yehova, mi ba tlaolela ka molomo oa ga Yehova: ba tlola ka malatsi aotle a leru le nntseñ gorimo ga taberenakela ka aona.

19Mi ha leru le na ka bolele, ka malatsi mantsi, gorimo ga taberenakela, ereha gona bana ba Yeserele ba tsegetsañ tebelo ea ga Yehova, mi ba si ke ba tloge.

20Mi ga na yalo, eare leru le na malatsi manye gorimo ga taberenakela, ba tlola ka molomo oa ga Yehova, mi ba tloga ka molomo oa ga Yehova.

21Mi ga na yalo, ha leru e le le gona ka matsiboea le go ea moshoñ, mi ha leru le culerioa mo moshoñ, ereha gona ba tlogañ: ba tloga ha leru le culerioa ka motsegare khotsa bosigo.

22Mi ha leru le na ka bolele gorimo ga taberenakela, le nna go eona ka malatsi a tu, khotsa ka khueri, khotsa ka ñuaga, bana ba Yeserele ba tlola, ba sa tloge: mi eare le culerioa ba tloga.

23Ba tlaolela ka molomo oa ga Yehova, mi ba tloga ka molomo oa ga Yehova: ba tsegetsa tebelo ea ga Yehova ka molomo oa ga Yehova, ka eintla ea ga Moshe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help