1BAYESERELA, utluañ; Lo tla khabaganya Yoredane ka yenu, gore lo ee, lo rulole merahe e meima, le e e nonohileñ bogolu go lona; le metse e meima e e hemelecoeñ legorimoñ;
2Shaba lo loima lo lolele, bana ba Baanaka, ba lo ba itseñ, ba lo utluileñ ga bona, Emañ eo o ka ikemisañ ha pele ga bana ba Baanaka?
3Ki gona itseñ ka yenu ha Yehova Morimo oa lona, ki eo o lo khabaganyañ pele, o molelo o o metsañ; o tla ba senya, mi o tla ba katisa ha pele ga lona: mi lo tla ba rulola lo ba herisa ka kakoho, yaka Yehova o lo reile.
4Ere mogañ Yehova Morimo oa lona, a sina ba khorometsa ha pele ga lona lo si re mo peluñ tsa lona, loa re, Yehova o re tlisitse, go rua lehatsi ye, ka eintla ea tsiamo ea rona; gone Yehova a rulola merahe e e ha pele ga lona ka eintla ea boikepo yoa eona.
5Ga lo ee go rua lehatsi ya eona, ka eintla ea tsiamo le thokhamo ea pelu tsa lona: mi Yehova Morimo oa lona o rulola merahe e, ha pele ga lona ka eintla ea boikepo yoa eona, le gore a tlomamise lehuku ye Yehova o la a le ikanela Aberahame, le Yitsake, le Yakobe, bo‐rra enu.
6Ki gona, itseñ ha Yehova Morimo oa lona a sa lo nele lehatsi ye ya molemo go le rua ka eintla ea tsiamo ea lona; gone lo le shaba loa thamo e e thata.
7¶ Gakologeloañ, mi lo si lebale kaha lo loa gakatsa Yehova Morimo oa lona segolu mo bogareñganaga ka gona: lo loa ganela le Yehova, go simolola ka tsatsi ye lo loa coa Egepeto ea tsamaea loa tla heloñ ha.
8E, le kua Horeba, lo loa gakatsa Yehova ea tsamaea a lo galehela go lo senya.
9Erile ki tlatlogela mo thabeñ go cula matlapa, matlapa a kholagano e Yehova o la a e riha le lona, ki le ka tlola malatsi a forte, le masigo a forte mo thabeñ, ki sa ye liyo, ki sa noe metse:
10Mi Yehova o la a ’nnaea matlapa a tu, a kuariloe ki monuana oa Morimo; le mo go aona kaha mahukuñ aotle ua, Yehova o la a bua le lona mo thabeñ a le gare ga molelo, mo tsatsiñ ya phuthego.
11Mi ga rihala malatsi a forte le masigo a forte a sina heta, Yehova a ’nnaea matlapa a tu, matlapa a kholagano.
12Mi Yehova a ’nthaea, Nanoga, akoha u hologe, u coe ha; gone bathu ba gago ba u ba entsitseñ mo Egepeto ba iporisitse; ba hapogile ka kakoho tsela e ki e ba laoletseñ; ba itihetse secuanco se se thecoeñ.
13Gape, Yehova o la a ’nthaea, a re, Ki lepile bathu ba, mi bonañ ki bathu ba thamo e e thata:
14’Ma, ki ba senye, le go phimola leina ya bona tlatse ga legorimo: mi ki tla gu riha morahe o o thata le o montsi bogolu go bona:
15Mi ka menoga ka hologa mo thabeñ, mi thaba ea sha ka molelo: mi matlapa a tu a kholagano a ba a la le mo atleñ tsa me li tu.
16Mi ka leba, mi bonañ, lo loa leohela Yehova Morimo oa lona, loa riha namane e e thecoeñ: loa hapoga ka kakoho tsela e Yehova o la a e lo laolela.
17Mi ka tsaea matlapa a tu, ka a latla mo atleñ tsa me li tu, ka a thuba ha pele ga maitlo a lona.
18Mi ka oela ha pele ga Yehova, yaka ga eintla, malatsi a forte le masigo a forte: ki sa ye liyo, ki sa noe metse, ka eintla ea maleo a lona aotle, ua lo loa a leoha, ka go shulatsa mo maitloñ a ga Yehova, go mo gakatsa.
19Gone ki le ki boiha bogale le khakalo e Yehova o la a lo gakalela ka eona, go lo senya. Mi le gona Yehova a hela a ’nkutlua motleñ ouo.
20Le gona Yehova o la a gakaletse Arone segolu go mo senya: mi ka rapelela le Arone motleñ ouo.
21Mi ka tsaea seleo sa lona, eboñ namane e lo lo e rihile, ka e hisa ka molelo, ka e thuga, ka e sila ka e nota, ea tsamaea ea notega yaka lorole: mi ka latlela lorole loa eona mo molacoaneñ o o elañ o coa mo thabeñ.
22Le gona lo loa gakatsa Yehova kua Tabera, le kua Masa, le kua Kiberota‐hatava.
23Le gona, erile Yehova a lo roma go coa Kadesha‐barenea, a re, Eañ, lo rue lehatsi ye ki le lo neileñ; ereha gona lo loa cuülola molomo oa ga Yehova Morimo oa lona, lo sa ka loa mo rumela, le esiñ go akela koru ea gague.
24Lo loa ganela le Yehova, go simolola ka tsatsi ye ki lo itsileñ ka yeona.
25Mi ka oela ha pele ga Yehova malatsi a forte le masigo a forte, ua ki le ka oela ka cna; gone Yehova o la a re, o tla lo senya.
26Mi ka rapela Yehova, ka re, Yehova Morena, u si senye bathu ba gago le boshua yoa gago, yo u bo rekolotseñ ka bogolu yoa gago, yo u bo entsitseñ mo Egepeto ka atla se se thata.
27Gakologeloa Aberahame, le Yitsake, le Yakobe, batlañka benu; u si lebe bokaka yoa bathu ba, le esiñ boikepo yoa bona, le esiñ seleo sa bona:
28Gore ba lehatsi ye u re entsitseñ go yeona, ba si re, Era gone Yehova a paleloa ki go ba isa mo hatsiñ ye o la a le ba bulelela, o ba entsitse, go ba bolaela mo bogareñganaga, gone o la a ba ila.
29Leha gontse yalo, ki bathu ba gago, le boshua yoa gago, yo u bo entsitseñ ka nonoho e kholu ea gago le ka cogo ye le otlologileñ ya gago.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.