1KI biletsa go Yehova ka koru ea me; ki rapela thata go Yehova ka koru ea me.
2Ki gorometsa boitoko yoa me ha pele ga gague, ki itsisitse tlalelo ea me ha pele ga sehatlogo sa gague.
3Erile moea oa me o le mo bohutsaneñ mo teñ ga me, u lu ua itse tsela ea me; ba ’mpeetse serai ka bosaitsioeñ mo tseleñ e ki eañ ka eona.
4Ki le ka leba ha atleñ se se siameñ, mi bona, go le go si ope eo o ’nkitseñ; botsabelo bo le bo sieo go ’na; go si ope eo o tlamelañ moea oa me.
5Ki biletsa go uena Yehova, ka re, U botsabelo yoa me, kabelo ea me mo hatsiñ ya batseri.
6Elatloko pico ea me, gone ki ñotlegile segolu; ’nkholola go babogisi ba me; gone ba thata bogolu go ’na.
7Entsa moea oa me mo tluñ ea kholegelo, gore ki bake leina ya gago; basiami ba tla ’ntikanyeletsa, mogañ u sina ’ntihela seiñtle.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
