Ekesodo 16 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 16.

1MI ba tloga mo Elima, mi phuthego eotle ea bana ba Yeserele ea ea bogareganaga yoa Sina, yo bo ha gare ga Elima le Sina, ka tsatsi ya bo‐faeveten ya khueri ea bo‐tu, morago ga go coa ga bona mo hatsiñ ya Egepeto.

2Mi phuthego eotle ea bana ba Yeserele, ea ñoñoregela Moshe le Arone mo bogareñganaga:

3Mi bana ba Yeserele ba ba raea, Au! intla re kabo re shuetse mo hatsiñ ya Egepeto ka atla sa ga Yehova, re rutse ha pitseñ tsa nama, re yela liyo tsa go khoroa; gone lo re entseritse bogareñganaga yo, go bolaea phuthego eotle e ka loshekere.

4¶ Ereha gona Yehova o raeañ Moshe, Bona, ki tla lo holosetsa liyo tse ri coañ legorimoñ, mi bathu ba tla coela eintle ba ipapalela tekano ea tsatsi leñue le leñue gore ki ba leke ha ba tla sepela kaha molaoñ oa me, khotsa nya.

5Mi a ba bakanye se ba se lereñ ka tsatsi ya bo‐sekes; mi a se ne kana ka se ba tleñ ba se bapale ka malatsi a tu.

6Mi Moshe le Arone ba raea bana ba Yeserele botle, Lo tla itse ka matsiboea ha Yehova a lo entsitse mo hatsiñ ya Egepeto:

7Mi lo tla bona go sale mosho khalalelo ea ga Yehova; ka a utluile ñoñorego tsa lona kaga Yehova: mi re bo mañ ba lo ka re ñoñoregelañ?

8Mi Moshe a re, Ere Yehova a lo naea nama go e ya ka matsiboea, le liyo tsa go khoroa go sa le mosho, ki gone Yehova a utlua ñoñorego tsa lona tse lo mo ñoñoregelañ ka cona: gone re bo mañ? Ga lo re ñoñoregele, lo ñoñoregela Yehova.

9Mi Moshe a bua le Arone, Raea phuthego eotle ea bana ba Yeserele, Atamelañ ha pele ga Yehova: gone o utluile ñoñorego tsa lona.

10Mi ka Arone a sa bua le phuthego eotle ea bana ba Yeserele, ba leba kua bogareñganaga, mi bonañ, khalalelo ea ga Yehova e bonarioa mo leruñ.

11¶ Mi Yehova a bua le Moshe, a re,

12Ki utluile ñoñorego tsa bana ba Yeserele: u bue le bona, u re, Lo tla ya nama matsiboea, mi lo tla khora liyo go sa le mosho; mi lo tla itse ha e le ’na Yehova Morimo oa lona.

13¶ Mi ga rihala matsiboea bokabakayeoe yoa tla yoa harahara botlaolelo; mi monyo o letse eintleñ cotle tsa botlaolelo go sa le mosho.

14Mi erile monyo o sina tlatloga, bonañ, gole gole bogareñganaga sekho-lokhuana se se sesane yaka khogocoane ha hatsi.

15Mi erile bana ba Yeserele ba se bona, ba rana, Eñ se? gone ba si ka ba se itse. Mi Moshe a ba raea, Se ki liyo tse Yehova o li lo neileñ go li ya.

16¶ Se ki shona se Yehova o se laotseñ, A moñue le moñue a bapale kaha o ka yañ ka gona, moñue le moñue ka omera, kaha paloñ ea bathu ba lona, a moñue le moñue a tsele bona ba ba mo tenteñ ea gague.

17Mi bana ba Yeserele ba riha yalo, mi ba bapala, moñue bogolu, mi eo moñue bobotlana.

18Mi erile ba sina se lekanya ka omera, eo o la bapala segolu, go si ka ga sala sepe, mi eo o la bapala bobotlana a si ka a tloka: moñue le moñue a bapala kaha o yañ ka gona.

19Mi Moshe a ba raea, A go si ne ope eo o belañ ka mosho ga shona.

20Mi ba si ka ba retsa Moshe, mi bañue ba bela ka mosho ga shona, mi liboku tsa na mo go shona, mi sa eñkha seboru: mi Moshe a ba yayaregela.

21Mi ba se bapala ka mesho mesho, moñue le moñue kaha o yañ ka gona: mi e le eare letsatsi le gotela sa tlapologa.

22¶ Mi ga rihala ka tsatsi ya bo‐sekes ba bapala liyo li tu, eboñ liomera li lu tsa moñue le moñue: mi khosana cotle tsa phuthego tsa tla tsa bulelela Moshe.

23Mi a li raea, Se ki shona se Yehova o se buileñ, Ka mosho ki boikhuco, eboñ Sabata sa itsepho sa ga Yehova: se lo tla se besañ, lo se bese, mi se lo tla se apaeañ lo se apee; mi se se setseñ lo se bele thoko go bulukeloa ka mosho.

24Mi ba se bela ka mosho yaka Moshe a laola: mi se si ka sa eñkha seboru, le gona seboku se le se siëo mo go shona.

25Mi Moshe a re, Lo ye seuo ka yenu; gone ka yenu ki Sabata sa ga Yehova: ga lo kitla lo se bona kua nageñ ka yenu.

26Lo bapale ka malatsi a sekes, mi tsatsi ya bo‐seven ki Sabata, ga se kitla se bonoa mo go yeona.

27Mi ga rihala tsatsiñ ya bo‐seven, bathu bañue ba ea eintle go bapala, mi ba si ka ba bona sepe.

28Mi Yehova a raea Moshe, Lo tla gana bolele bo le kai go tsegetsa taolo tsa me le melao ea me?

29Bonañ, gone Yehova o lo neile Sabata, ki gona o lo naeañ liyo tsa malatsi a tu ka tsatsi ya bo‐sekes: a moñue le moñue a ne heloñ ga gague; a go si ne ope eo o coañ heloñ ga gague ka tsatsi ya bo‐seven.

30Mi yalo bathu ba ikhutsa ka tsatsi ya bo‐seven.

31Mi eintlu ea Yeserele ea bitsa leina ya shona Manna, mi se le se le seshuëu yaka tlaka tsa koriandera, mi moutlualo oa shona o lo oa utluala yaka liñkhuana li na le linotse.

32Mi Moshe a re, Se ki shona se Yehova o se laotseñ, Tlatsañ omera ka shona go bulukeloa kokomana tsa lona; gore ba bone liyo tse ki lo yesitseñ bogareñganaga ka cona, ka ki lo entsa mo hatsiñ ya Egepeto.

33Mi Moshe a raea Arone, Tsaea kuruana eñue, mi u tsenye omera e e tletseñ manna mo go eona, mi u e bee ha pele ga Yehova, go bulukeloa kokomana tsa lona.

34Mi Arone a e baea ha pele ga Seshupo go bulukoa, yaka Yehova a laotse Moshe.

35Mi bana ba Yeserele ba ya manna ka nyaga li forte, ea tsamaea ba hitla mo hatsiñ ye le nncoeñ; ba ya manna ea tsamaea ba hitla mo moleloaneñ oa hatsi ya Kanana.

36Mi omera ki kabo ea ten ea efa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help