1KI tla baka Yehova ka metla eotle; pako ea gague e tla na ka gale mo molomoñ oa me.
2Moea oa me o tla belahala go Yehova; ba ba bogisioañ ba tla utlua, mi ba tla itumela.
3Rihañ Yehova segolu le ’na, mi a re goriseñ leina ya gague mogo.
4Ki le ka batla Yehova, mi o la ’nkaraba; mi a ’nkholola mo poihoñ tsa me cotle.
5Ba mo leba, mi ba bonesioa; mi lihatlogo tsa bona, ga li tlayoe ki litloñ.
6Mohumanegi eo, o la a bitsa, mi Yehova a utlua; mi a mo golola mo tlaleloñ tsa gague cotle.
7Moengele oa ga Yehova o ipakanya eintleñ cotle tsa ba ba moihañ, mi a ba golola.
8Lekañ, lo bone ha Yehova a le molemo; go tsegaharicoe monona eo o mo ikanyañ.
9Boihañ Yehova, lona baitsephi ba gague; gone ba ba moihañ, ga ba na botloko.
10Litauana lia tloka, mi lia utlua tlala; mi ba ba batlañ Yehova, ga ba tloke sepe sa molemo.
11Eintloñ, bana ki lona, lo ’nthetse; ki tla lo ruta poiho ea ga Yehova.
12Monona ki ohe eo o eletsañ botselo, eo o ratañ malatsi, gore a bone molemo?
13Thiba loleme loa gago mo boleoñ, le lipounama tsa gago mo go bueñ tsieco.
14Tlogela boshula, mi u rihe molemo; batla kagisho, mi u e come.
15Maitlo a ga Yehova a mo go basiami; mi tsebe tsa gague li atlametse pico ea bona.
16Sehatlogo sa ga Yehova se go ba ba rihañ boshula, go khogola khopolo kaga bona mo hatsiñ.
17 Basiami ba bitsa, mi Yehova a utlue, mi a ba golole mo tlaleloñ tsa bona cotle.
18Yehova o gauhe nabo, ba ba pelu li thubegileñ; mi o buluka ba ba moea o o ñomogileñ.
19Mosiami o na le lipogisho li lintsi; mi Yehova oa mo golola mo go cona cotle.
20O buluka marapo a gague aotle; ga go lepe ya aona ye le royoañ.
21Boshula bo tla bolaea baikepi; le ba ba ilañ basiami, ba tla latuharioa.
22Yehova o rekolola meoea ea batlañka ba gague; le botle ba ba mo ikanyañ, ga ba kitla ba latuharioa.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
