1BAKAÑ Yehova. Lona batlañka ba ga Yehova, mmakeñ; bakañ leina ya ga Yehova.
2Leina ya ga Yehova le bakoe, ga yana le ka bosina bokhutlo.
3Ga botlaboñ yoa letsatsi, le bophirimoñ yoa yeona, a leina ya ga Yehova le bakoe.
4Yehova o gorimo, gorimo ga baeteni botle; khalalelo ea gague e gorimo ga magorimo.
5Mañ eo o cuanañ le Yehova, Morimo oa rona, eo o agileñ gorimorimo,
6Eo o inolahatsañ go leba magorimo le lehatsi?
7O emisa molala a mo entse mo loroleñ; mi o gorisa motloki go mo entsa mo thotoboloñ;
8Gore a mo lurise mo likhosaneñ, eboñ le likhosana tsa bathu ba gague.
9O agisa moopa mo sikeñ loa bana, le go na mma bana oa boitumelo. Haleluya.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
