1MORIMO, pako e gu lebelela mo Tsiona; mi ikano u tla e riheloa.
2U utlua thapelo; nama cotle li tla tla go uena.
3Mahuku a a sa siamañ a ’mphen-tse; mi litlolo tsa rona, u tla li ruanyetsa.
4Go tsegaharicoe ena eo u mo itsenketseñ le go mo atametsa go uena, gore a age mo maloapeñ a gago; re tla khorisioa ka molemo oa eintlu ea gago, le oa tempela ea gago ea boitsepho.
5Morimo oa puluko ea rona, u tla re araba ka lilo tse ri boitsegañ ka tsiamo; u boikanyo yoa likhutlo tsa lehatsi, le yoa bona ba ba agileñ khakala ha leoatleñ;
6O o tlomamisañ lithaba ka thata ea ona; li tlamiloe ka thata;
7O o ririmatsañ khuasho tsa linoka, le khuasho ea lintelo tsa cona, le tlapeo ea bathu.
8Mi ba ba agileñ kua likhutloñ ba boiha licupo tsa gago; u itumerisa lico tsa mosho, le tsa mabanyane.
9U lekola lehatsi, mi ka u le elele-ritse pula, u le humisa segolu ka molapo oa Morimo, o o tletseñ metse; mi u tla ba etleletsa mabele, gone u a tlametse.
10U nosa ombu o o lemiloeñ oa yeona segolu; u nesa pula mo tseleñ tsa yeona; u le nolahatsa ka maebana, u tsegahatsa tlogo ea yeona.
11U roesa ñuaga ka molemo oa gago; tselana tsa gago li rutla monono.
12Li rothela mo mahuloñ a gareganaga; mi marotana a tlamiloe ki boitumelo.
13Mahulo a apesicoe ka macomane, mi megorogoro e khurumericoe ki mabele; goa bitsa ka boitumelo, le gona goa opela.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
