1 Bakorinta 8 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 8.

1MI yana ga lilo tse ri shupelecoeñ merimo ea liseto, rea itse re na le kico rotle. Kico ea burulola, mi lorato loa agelela.

2Ha moñue a itloma a itse señue, eo ga e si a itse sepe yaka a cuanetse go itse.

3Mi ha moñue a rata Morimo, o itsioe ki ona.

4Ki gona, ga go ya lilo tse ri shupelecoeñ merimo ea liseto, rea itse ha morimo oa seseto e si sepe mo lehatsiñ, mi ha go si Morimo ope ha e si o moñue hela.

5Gone leha e leeo e e birioañ merimo, leha e le mo legorimoñ, leha e le mo lehatsiñ, (yaka go le merimo mentsi, le barena bantsi,)

6Leha gontse yalo re na le Morimo o moñue hela, Rra, eo lilo cotle lieoñ ka ena, le rona mo go ena; le Morena eo moñue hela, Yesu Keresete, eo lilo cotle lieoñ ka ena, le rona ka ena.

7Leha gontse yalo, kico e ga eeo mo go botle; gone bañue ba sa ya se se shupelecoeñ merimo ea liseto le go yana ka segakolori sa morimo oa seseto; mi ka ligakolori tsa bona li si thata, ba leshueharioa.

8Mi yana liyo ga li re khatlise Morimoñ, gone leha re ya, ga re na bogolu; mi leha re sa ye, ga re na botloko.

9Mi lo itise gore thata e ea lona e si ne sekhopisho go bona ba ba bokoa.

10Gone ha moñue a gu bona, uena eo o nañ le kico, u rutse ha liyoñ, mo tempeleñ ea merimo ea liseto, segakolori sa eo oa bokoa, a ga se kitla se tlomamisioa go ya lilo tse ri shupelecoeñ merimo ea liseto?

11Mi mokauleñue eo oa bokoa, eo Keresete o mo shuetseñ, a o tla latlega ka kico ea gago?

12Mi ka lo leohela bakauleñue yalo, le go kuenesetsa ligakolori tsa bona tse ri bokoa, loa leohela Keresete.

13Ki gona ha liyo li khopisa mokauleñue oa me, ga ’nkitla ki ya nama ka bosina bokhutlo, gore ki se khopise mokauleñue oa me.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help