1MI Yehova a ’nthaea, Itsele mati lo logolu, mi kuala go lona, ka se se kualañ sa mothu, O akohela thopo, o itlaganelela khapo.
2Mi ka ipiletsa bashupi ba boikaño, eboñ Urie moperiseti, le Sakarie moroa Yeberekaie.
3Mi ka atamela moperofeti oa sesari; mi a ithuala, mi a belega ñoana oa mosimane. Mi Yehova a ’nthaea, Sha leina ya gague O akohela thopo, o itlaganelela khapo.
4Gone pele lekau le e si le itse go bitsa, Rre, khotsa Mme, lohumo loa Damaseka, le lithopo tsa Samaria li tla belegoa ha pele ga sehatlogo sa khosi ea Asiria.
5¶ Yehova a hela a bua le ’na, a re,
6A ere ka bathu ba, ba nyatsa metse a Siloa a a elelañ ka bonya, mi ba na le boitumelo mo go Retsine moroa Remalie;
7Ki gona, bonañ, Morena o tla tlatlosetsa go bona metse a a thata, le a bonatla a molapo, eboñ khosi ea Asiria, le khalalelo eotle ea eona: mi a tla penologela mela eotle ea ona, a tlatsegela mo lintsiñ cotle tsa ona:
8Mi a tla elela Yudeñ; a penologa a ralala, a hitla go thamoñ; mi tsarololo ea liphuka tsa eona e tla khurumetsa katlamo eotle ea hatse ya gago, YIMANUELA.
9¶ Yayaregañ, lona bathu, leha go ntse yalo lo tla thubagañoa; sekegañ tsebe, lona lotle ba lo mahatse a khakala: itlameñ, mi lo thubagañoe; itlameñ, mi lo thubagañoe.
10Gakololañ boikaelelo, mi bo tla nyelerioa; buañ lehuku, mi ga le kitla le tlomama: gone Morimo o mo go rona.
11¶ Gone Yehova o ’ntheile yalo ka atla se se thata, mi a ’nkaela gore ki si sepele mo tseleñ ea bathu ba, a re,
12Ga lo kitla lo re, Go kholagano mo go se señue se bathu ba, ba reñ, Go kholagano; mi si boiheñ ka poiho ea bona; le gona si reregeñ.
13Itsephiseñ Yehova oa lintua ka esi; a a ne poiho ea lona, le therego ea lona.
14Mi o tla na helo ga boitsepho: mi o tla na leincue ya khopisho, le lehika ya khokhoeco mo matluñ a ma tu a Bayeserela: le seru le mogotla mo banniñ ba Yerusalema.
15Mi li tla khokhoetsa bantsi, ba oa, ba robega, mi ba tla pitloa, ba cuaroa.
16Boha seshupo, kanela barutoi ba me molao.
17Ki gona ki tla lebelelañ Yehova, eo o shubelañ ba ntlu ea Yakoba hatlogo sa gague, ki tla mo tlologeleloa.
18Bonañ, ’na le bana ba Yehova o ba ’nneileñ, re beecoe Bayeserela licupo, le likhakhamaco li coa mo go Yehova oa lintua, eo o nntseñ mo thabeñ ea Tsiona.
19¶ Mi ere ha ba tla lo raea, Lo lope baloi, le baitseanape, ba ba cuirin-yañ, ba ba peperumañ: bathu a ga ba kitla ba lopa mo go Morimo oa bona? a ba ko ba lopela batseri mo bashuiñ?
20Go molaoñ, le go ea seshupoñ: ha ba sa bue kaha hukuñ ye, ga go kitla go na phepahalo go bona.
21Mi ba tla le ralala, ba tlalerisioa ba khakhabarioa ki tlala, mi go tla rihala mogañ ba khakhabarioañ, ba tla iyayaregela, mi ba tla roga khosi ea bona, le Morimo oa bona; mi ba tla lelalela gorimo;
22Mi ba tla leba ha hatse, mi bonañ, pogisho le lehihi, ba tla pitleleloa ki tlalelo; ba khoelerioa mo hihiñ ye lencu.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.