TSHENOLO 10 - Setswana 1970(TSW70)

Johane o ja lokwalonyana lwa legodimo

1Jaanong ka bona moengele yo mongwe yo o thata a fologa kwa legodimong, a apere leru, motshewabadimo o le godimo ga tlhogo ya gagwe, sefatlhego sa gagwe se ntse jaaka letsatsi, dinao tsa gagwe di ntse jaaka dipilara tsa molelo,

2a tshotse lokwalonyana ka seatla, lo petlekilwe; a gata lewatle ka lonao lo lo jang, ka lwa molema a gata lefatshe;

3a ba a goa ka lentswe le legolo jaaka tau e duma; ya re a sena go goa, ditumo di supa tsa maru tsa ntsha mantswe a tsona.

4Ya re ditumo tse supa tsa maru di sena go bua, ka re, ke a kwala; mme ka utlwa lentswe le tswa kwa legodimong le re: “O kane dilo tse ditumo tse di supang tsa maru di di boletseng; o se ka wa di kwala.”

5Jaanong moengele yo ke mmonyeng a eme mo lewatleng le mo lefatsheng, a tsholeletsa letsogo le le jang kwa legodimong,

6a ikana ka ene yo o phelang ka bosakhutleng, yo o tlhodileng legodimo le tse di mo go lone le lefatshe le tse di mo go lone le lewatle le tse di mo go lone, a ikana a re: “Sebaka ga se nke se tlhola se nna teng.

7Mme e tla re mo malatsing a lentswe la moengele wa bosupa, a o tla letsang phala ka ona, bosaitsiweng jwa Modimo bo wediwe ka fa mafokong a boitumelo a o a begetseng baporofeti, batlhanka ba ona.”

8Jaanong lentswe le ke le utlwileng le tswa kwa legodimong la bua gape le nna la re: “Yaa o tsee lokwalo lo lo petlekilweng, lo lo mo seatleng sa moengele yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng.”

9Ka ya kwa moengeleng, ka mo raya ka re, a nnee lokwalonyana loo. A nthaya a re: “Lo tsee, o lo je, o lo fetse; lo tla go segisa mala, mme mo leganong la gago lo tla nna botshe jaaka dinotshe.”

10Ka tsaya lokwalonyana mo seatleng sa moengele, ka lo ja, ka lo fetsa; lwa bo lo le botshe mo leganong jaaka dinotshe; mme ya re ke sena go lo ja, ka segwa ke mala.

11Jaanong ka rewa ga twe: “O tshwanetse go bolelela pele gape ka ga merafe le ditšhaba le dipuo le dikgosi di le dintsi.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help