DIPESALEME 113 - Setswana 1970(TSW70)

Go baka Mogodimodimo yo o utlwelang ba babotlana botlhoko

1Haleluya! Bakang,

lona batlhanka ba Morena,

bakang leina la Morena!

2A leina la Morena le bakwe

jaanong le ka bosakhutleng!

3A leina la Morena le bakwe

go tswa kwa botlhabatsatsi

go ya kwa bophirimatsatsi!

4 Morena o okame ditšhaba tsotlhe,

kgalalelo ya gagwe

e kwa godimo ga magodimo.

5Ke mang yo o tshwanang

le Morena, Modimo wa rona,

yo o agileng kwa godimo,

6yo o lebelang legodimo le lefatshe

kwa tlase?

7O tsosa yo mmotlana mo leroleng,

a nanose mohumanegi

mo thotobolong

8gore a mmee fa batlotleging,

fa batlotleging ba morafe

wa gagwe;

9o agisa moopa mo ntlong

go nna mma-bana yo o itumelang.

Haleluya!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help