DIANE 24 - Setswana 1970(TSW70)

1Se fufegele dilo tsa ba ba bosula; se eletse go tshwana nabo.

2Gonne dipelo tsa bone di akanya kgatelelo; melomo ya bone e bua tse di isang mo tatlhegong.

3Ntlo e agiwa ka botlhale; e thewa sentle ka maatlametlo,

4mme ka kitso matlwana a yona a tlala dithoto tsa mefutafuta tse di tlhwatlhwa e kgolo le tse dintle.

5Letlhale le thata bogolo go seganka; yo o nang le kitso o thata bogolo go yo o dikgoka.

6Gonne ò tla itse go lwa ntwa ka dikgakololo tse di botlhale; phenyo e bonwa ka bontsi jwa bagakolodi.

7Tsa botlhale di palela seeleele; mo lekgotleng se tlhoka puo.

8Yo o logang maano a go dira bosula o tla bidiwa Rra-bolotsana.

9Boleo ke maikaelelo a bosilo; mosotli o ilega mo bathong.

10Fa o nyema moko ka letsatsi la tlalelo, thata ya gago e tla bo e se ya sepe.

11Pholosa ba ba gogelwang losong! Thibela ba ba theekelelang go ya go bolawa.

12Fa o ka re: “Ke ne ke sa itse,” ona o o bonang dipelo a ga o kitla o lemoga? Ona o o disang bophelo jwa gago o a itse. O direla motho ka fa tirong ya gagwe.

13Morwaaka, jaa lomepe lwa dinotshe, gonne lo monate; mafura a dinotshe a botshe mo magalapeng a gago.

14Itse gore botlhale bo ntse jalo mo moweng wa gago. Fa o bo bona, tswelelopele e tla nna teng, mme tsholofelo ya gago ga e kitla e nyelela.

15Wena moikepi, se lalele lelapa la mosiami; se senye legae la gagwe.

16Le fa mosiami a ka wa gasupa, o tla nna a tsoga gape; mme baikepi bone ba wela mo tatlhegong.

17Fa mmaba wa gago a wa, se itumele; fa a digwa, a pelo ya gago e se duduetse,

18e se re gongwe Morena a bona, mme ga nna bosula mo matlhong a gagwe, a busa bogale jwa gagwe mo go ene.

19Se tukele basenyi bogale; se fufegele baikepi

20gonne yo o bosula ga a tswelele pele; lesedi la baikepi le tla tima.

21Morwaaka, boifa Morena le kgosi; se tlwaelane le dirukhutlhi.

22Gonne tatlhego ya tsona e tla dirafala ka tshoganyetso, sebaka sa tshenyego ya tsona se itsiwe ke mang?

Diane tse dingwe

23Diane tse di latelang fa le tsona ke tsa batlhalefi:

Go gobelelela motho mo tshekong ga go a siama.

24Yo o rayang moikepi a re: “O siame!” ene, batho ba tla mo rogaka, merafe e tla mo hutsa.

25Go ratega ba ba mo atlholang ka tshiamo; lesego le letlhogonolo di tla ba dirafalela.

26Yo o ntshang dikarabo tse di siameng o atla molomo.

27Fetsa tiro ya gago e e kwa ntle, o leme tshimo ya gago; morago ga moo o ka aga ntlo ya gago.

28Se pateletse mongwe-ka-wena ka bomo! A ò tshwanetse go timetsa batho ka molomo wa gago?

29Se re: “Ke tla mo direla se a se ntiretseng; ke busolosetsa monna ka fa tirong ya gagwe.”

30Nkile ka feta kwa tshimong ya motlapa kwa tshimong ya moweine ya motho yo o se nang tlhaloganyo.

31Ka fitlhela e tlhogile mefero gotlhe, e khurumeditswe ke mokolonyane, lorako lwa matlapa lwa yona lo digilwe.

32Ka leba, ka ela tlhoko, ka bona, ka fitlhela e le thuto e e reng:

33Fa o robala go le gonnye, o otsela go le gonnye, o phutha diatla go le gonnye go ikhutsa,

34khumanego ya gago e tla tla jaaka senokwane le lehuma la gago jaaka motlhabani.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help