1 SAMUELE 24 - Setswana 1970(TSW70)

Dafita o rekegela Saule

1Dafita a tloga teng, a tlhatloga a nna kwa dikgageng tsa Engedi.

2Jaanong ya re Saule a boa a tswa go leleka Bafelesita, a bolelelwa ga twe: “Bona, Dafita o kwa sekakeng sa Engedi.”

3Ke fa Saule a tsaya banna ba le 3 000 ba ba tlhaotsweng mo Baiseraeleng botlhe, a ya go batla Dafita le banna ba gagwe kwa ntlheng ya botlhabatsatsi ya Mafika a Diphudufudu.

4Ya re a fitlha kwa marakeng a dinku a a fa thoko ga tsela fa go leng logaga, Saule a tsena teng go ithoma, Dafita le banna ba gagwe ba ntse ba le kwa tengteng ga logaga.

5Ke fa banna ba ga Dafita ba mo raya ba re: “Bona, ke lone letsatsi le Morena o le go boleletseng a re: ‘Itse gore ke tla neela mmaba wa gago mo diatleng tsa gago gore o mo direle ka fa o ratang ka teng.’ ” Dafita a nanoga, a kgaola moja wa kobo ya ga Saule, a sa mmone.

6Mme morago ga moo Dafita a itewa ke letswalo, ka a kgaotse moja wa kobo ya ga Saule.

7A ba a raya banna ba gagwe a re: “A Morena a nthibele gore ke se ka ka direla morena wa me, motlodiwa wa Morena, selo se, ka mo ntshetsa letsogo; gonne ke ene motlodiwa wa Morena.”

8Dafita a kgalemela banna ba gagwe ka mafoko a a bogale, a se ka a ba dumelela go tsogela Saule. Saule a ba a nanoga, a tswa mo logageng a wela tseleng.

9Morago ga moo Dafita le ene a nanoga, a tswa mo logageng, a tlhaeletsa Saule a re: “Morena wa me, kgosi!” Ya re Saule a gadima, Dafita a inamela fa fatshe ka sefatlhego, a ikoba.

10Dafita a ba a raya Saule a re: “O dumelelelang mafoko a batho, fa ba re: ‘Bona, Dafita o rata go go direla bosula’?

11Kana matlho a gago a bona jaanong ka fa Morena a go neetseng ka teng mo diatleng tsa me kajeno mo logageng, mme go tilwe, ke go bolae, mme ka go rekegela ka re: ‘Ga nkitla ke ntshetsa morena wa me letsogo, gonne ke ene motlodiwa wa Morena.’

12Rra, leba, o be o bone moja wa kobo ya gago o o mo seatleng sa me, jaaka ke o kgaotse, mme ka se ka ka go bolaya; o ka lemoga, wa bona fa go se na bosula gongwe bolotsana mo pelong ya me. Ga ke a go leofela, mme wena o ntsoma go nkamoga bophelo.

13Morena o tla atlhola fa gare ga me le wena; Morena o tla mpusolosetsa mo go wena. Mme seatla sa me ga se kitla se lwa nao.

14Jaaka seane sa bogologolo se re: ‘Boikepo bo tswa mo baikeping!’ Mme seatla sa me ga se kitla se go ama.

15Kgosi ya Iseraele e bolotse go latelela mang? Wena o tsoma mang? O latelela ntšwa e e suleng, o tsoma letsetse le le lengwe fela.

16Morena o tla nna moatlhodi, a atlhola fa gare ga rona, a a ele tlhoko, a lwele kgang ya me, a nkatlholele, a nkgolole mo seatleng sa gago!”

17Ya re Dafita a sena go bua mafoko ao le Saule, Saule a re: “A ke lone lentswe la gago, morwaaka Dafita?” A ba a tlhatlosa lentswe, a lela,

18a raya Dafita a re: “Wena o siame bogolo go nna; gonne o ntiretse tse di molemo, mme nna ke go diretse tse di bosula.

19Kajeno o mpontshitse tse di molemo tse o di ntiretseng, etswe Morena a nneetse mo diatleng tsa gago, mme wa se ka wa mpolaya.

20A fa motho a tshwara mmaba wa gagwe, o ka mo naya tsela ka kagiso? A Morena a go duele ka tse di molemo ka ntlha ya tse o di ntiretseng.

21Mme jaanong, ke a itse gore o tla nna kgosi tota; e bile bogosi jwa lseraele bo tla tlhomama mo seatleng sa gago.

22Jaanong he, inkanele ka Morena gore ga o kitla o nyeletsa losika lwa me sehularong sa me le e seng go phimola leina la me mo lapeng la ga rre.”

23Dafita a ikanela Saule jalo. Saule a ba a boela kwa lapeng la gagwe. Dafita le banna ba gagwe ba tlhatlogela kwa logageng lwa thaba.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help