1 TIMOTHEO 3 - Setswana 1970(TSW70)

Ditshwanelo tsa badisa ba phuthego le tsa badiredi

1Lefoko le le boikanyo ke le: Fa motho a batla tiro ya boruti, o eletsa tiro e e molemo.

2Mme jaanong modisa wa phuthego o tshwanetse a bo a se na molato, e le monna wa mosadi a le mongwe fela, a le tekano, a na le tlhaloganyo, a na le mekgwa e mentle, a tshola baeng, a nonofile mo go ruteng;

3e se letagwa, a se borumolano, e se mmatli wa mahumo ka mokgwa o o maswe, mme a le tsalano, e se motho wa kgang, e se morati wa madi;

4e le yo o laolang lelapa la gagwe sentle, a na le bana ba ba utlwang ka tlotlego yotlhe.

5Fa motho a sa itse go laola lelapa le e leng la gagwe, o ka babalela jang phuthego ya Modimo?

6A e se nne motho yo mošwa tumelong, e se re gongwe a ikgogomosa, a wela mo tshekisong ya ga Diabolo.

7E bile o tshwanetse go nna le tumo e e siameng mo go ba ba kwa ntle gore a se wele mo kgobong le mo serung sa ga Diabolo.

8Badiredi le bone ba tshwanetse go nna batho ba tlotlego, ba se diteme-pedi, ba sa itlopele bojalwa, ba sa batle mahumo ka mokgwa o o maswe,

9ba tshegeditse bosaitsiweng jwa tumelo ka segakolodi se se itshekileng.

10Le bone a ba tlhatlhojwe pele; ke gona ba ka dirang tiro ya bodiredi, fa ba se na nyatsego.

11Le bone basadi a e nne ba ba tlotlegang, e se balatofatsi; a ba nne tekano le boikanyo mo dilong tsotlhe.

12A modiredi mongwe le mongwe a nne le mosadi a le mongwe fela, e nne ba ba laolang bana ba bone le malapa a bone sentle;

13gonne ba ba dirileng sentle ka tiro ya bodiredi ba bona boemo jo bo molemo le namatshego e kgolo mo tumelong ya go dumela mo go Keresete Jesu.

14Dilo tseo ke di go kwalela ka tsholofelo ya gore ke tla akofa ke tla koo go wena,

15gore e re fa nka diega, o be o itse ka fa go tshwanetseng ga dirwa ka teng mo ntlong ya Modimo e e leng phuthego ya Modimo o o tshelang, le pinagare le motheo wa boammaaruri.

16Mme ga go na pelaelo, bosaitsiweng jwa poifo-Modimo bo bogolo jwa go re:

Jesu o bonaditswe mo nameng,

a supelwa tshiamo ke Mowa,

a bonwa ke baengele,

a rerwa mo baheitaneng,

a dumelwa mo lefatsheng,

a tsholediwa ka kgalalelo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help