JESAYA 47 - Setswana 1970(TSW70)

Tatlhego ya Babele

1“Fologa o nne mo leroleng,

wena lekgarebe,

morwadia Babele;

nna fa fatshe o se na bogosi,

morwadia Bakalatea.

Gonne ga o kitla o tlhola

o bidiwa morategi

le wa tlekeetso.

2Tsaya tshilo, o sile bupe;

apola lesire la gago,

tsholetsa diaparo,

ikapole dirope, o tshele dinoka!

3A bosaikatega jwa gago

bo senolwe,

a ditlhong tsa gago di bonale!

Ke tla busolosa,

ke sa rekegele motho.”

4Leina la Mogolodi wa rona

ke Morena wa masomosomo,

Moitshepi wa Iseraele.

5“Nna fatshe o didimale,

o tsene mo lefifing,

morwadia Bakalatea.

Gonne ga o kitla o tlhola

o bidiwa

‘Mohumagadi wa magosi’.

6E rile ke galefela morafe wa me,

ke itshepolola boswa jwa me,

ka o neela mo seatleng sa gago.

Ga o ba direle

ka kutlwelo-botlhoko.

O imetsa batsofe thata

ka joko ya gago.

7O a re:

‘Ke tla nna jalo ka bosakhutleng,

ke le mohumagadi ka gale.’

Dilo tseo ga o a di akanya

mo pelong,

ga o a gopola

bokhutlo jwa tsona.

8“Jaanong utlwa tseo,

wena yo o lemetseng,

yo o dutseng o iketlile,

o ithaya mo pelong o re:

‘Ke nna, ga go na ope o sele.

Ga nkitla ke phela

ke le motlholagadi.

Go tlhoka bana

ga nkitla ke go itse.’

9Mme botlholagadi

le go tlhoka bana,

tseo di tla go dirafalela ka bobedi

jwa tsona ka tshoganyetso

ka letsatsi le le lengwe,

di go wela ka botlalo;

le fa mereo ya gago e le mentsi,

le dipheko tsa gago

di na le thata e kgolo;

10le fa o ne wa ikanya bolotsana

jwa gago wa re:

‘Ga go na yo o mponang.’

“Botlhale jwa gago

le kitso ya gago

tsona di go timeditse,

wa ithaya mo pelong wa re:

‘Ke nna, ga go na ope o sele.’

11Mme kotsi e tla go dirafalela,

o sa itse go e thibela ka mereo;

tatlhego e tla go wela,

o sa kgone go iphemela

ka ditlhabelo;

tshenyego e tla go wela

ka tshoganyetso, o sa itse.

12A ko o ikemise ka dipheko

tsa gago

le ka bontsi jwa mereo ya gago,

tse o itapisitseng ka tsona

go tswa bonyaneng jwa gago!

Ka gongwe o tla itse go thusa;

ka gongwe o ka tshosa bangwe.

13O itapisitse ka maano

a mantsi a gago.

A ba ba lomologanyang

legodimo, le balepi ba dinaledi

ba ba itsiseng ka ngwedi

mongwe le mongwe o o rogwang

tse di tla go dirafalelang,

ba ikemise, ba go thuse!

14“Bonang, ba tshwana le dirite.

Molelo o a ba fisa.

Ga ba nke ba pholosa maphelo

a bone mo kgabong.

Kana ga se magala a go ikomosa,

ga se molelo o o orwang!

15Ba o itapisitseng ka bone,

wa rekisanya nabo

go tswa bonyaneng jwa gago,

o na le go ba tlhoboga le

bone.

Mongwe le mongwe

o tla itsamaela, a go tlogela,

go se na yo o go pholosang.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help