JOBE 25 - Setswana 1970(TSW70)

Go bua Biletate

1Ga fetola Biletate wa Sua a re:

2“Puso le theregiso

ke tsa ona o o dirang kagiso

mo mafelong

a a kwa godimodimo a ona.

3A masomo a ona a ka balwa?

Ke mang yo lesedi la ona

le sa mo tlhabeleng?

4Motho o ka nna jang mosiami

fa pele ga Modimo?

Yo o tsetsweng ke mosadi

o ka nna phepa jang?

5Bonang, le fa e le ngwedi

ga o phatsime

le dinaledi ga di a itsheka

mo matlhong a ona!

6Jaanong fa e le motho

yo e leng seboko fela

le morwa motho

yo e leng sebokwana fela –

ene o tlhaela jang

mo tshiamong?”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help