DOITERONOMIO 22 - Setswana 1970(TSW70)

1“O se ka wa re fa o bona kgomo ya wa ga eno gongwe nku ya gagwe e timetse wa e tlhokomologa, mme o tshwanetse go e busetsa kwa go mong wa yona.

2Mme fa mong wa yona a se gaufi nao gongwe o sa mo itse, gona o e gapele mo sakeng la gago, o e dise go tsamaya wa ga eno a ba a e batla, mme wa kgona go e mmusetsa.

3Le gona o dire jalo ka esele ya gagwe le ka seaparo sa gagwe le ka sengwe le sengwe se se mo latlhegetseng, mme o se bona. O se ka wa mo lomeletsa.

4“O se ka wa re, fa o bona esele ya wa ga eno gongwe kgomo ya gagwe e wetse mo tseleng, wa e tlhokomologa; o tshwanetse go mo thusa go e tsosa.

5“A seaparo sa monna se se ka sa aparwa ke mosadi, le gona a monna a se ka a apara seaparo sa mosadi. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang dilo tse ke maila mo Moreneng, Modimo wa gago.

6“Fa o fitlhela sentlhaga sa nonyane o le mo tseleng se le mo setlhareng sengwe gongwe fa fatshe, se na le mamphorwana gongwe mae, mme mmaaona a elame mo mamphorwaneng gongwe mo maeng, o se ka wa tsaya mmaao mmogo le mamphorwana.

7O ka itseela mamphorwana, wa lesa mmaao a fofa gore o tlhogonolofale, o be o tshele go le goleele.

8“E re o aga ntlo e ntšhwa, gona o agelele thulelo e papetla ya yona ka dipota gore o se ka wa rwesa ntlo ya gago molato wa polao fa motho a ka wa mo go yona.

9“O se ka wa jwala peo e sele mo tshimong ya moweine ya gago, e se re gongwe tsotlhe ya nna tsa Felo-ga-Boitshepo, e bong thobo ya peo eo le maungo a moweine.

10“O se ka wa lema ka kgomo le esele mmogo.

11“O se ka wa apara seaparo sa dilo di le pedi sa boboa jwa setshedi le letseta mmogo.

12“Itirele dikola mo mejeng e mene ya kobo ya gago e o e aparang.

Ka ga basadi ba ba bewang molato

13“E re fa monna a tsaya mosadi, a tsena kwa go ene, a ba a tenwa ke ene,

14a mmolela ka tse dimpe, a mo senya leina a re: ‘Ke tsere mosadi yo, mme ya re ke mo atamela, ka fitlhela e se lekgarebe,’

15gona a rraagwe morweetsana le mmaagwe ba ntshe ditshupo tsa bokgarebe jwa gagwe, ba di ise kwa bagolong ba motse kwa lekgotleng.

16Jaanong a rraagwe morweetsana a ree bagolo a re: ‘Monna yo ke mo neetse morwadiake go nna mosadi wa gagwe. Mme jaanong e re ka a mo tene,

17o mmaya molato wa dilo tse dimpe a re: Ke fitlhetse morwadio e se lekgarebe! Mme ditshupo tsa bokgarebe jwa ga morwadiake ke tse.’ Bagolo ba gagwe ba be ba phutholole kobo fa pele ga bagolo ba motse.

18Jaanong a bagolo ba motse oo ba tshware monna yoo ba mmetse,

19ba mo lefise diselefera di le lekgolo, ba di nee rraagwe morweetsana, ka a sentse leina la lekgarebe la Moiseraele. Jaanong a le nne mosadi wa gagwe ka malatsi otlhe a gagwe, a sa tshwanela go mo tlhala ka gope.

20“Mme fa e le mafoko a nnete, mme morweetsana a fitlhetswe e se lekgarebe,

21a ba ntshe morweetsana kwa mojakong wa ntlo ya ga rraagwe, mme banna ba motse wa ga gabo ba mo kgobotletse ka majwe gore a swe, ka a dirile boatla mo go Iseraele ka go dira boaka mo ntlong ya ga rraagwe. O tlose bosula jalo mo go wena.

22“E re fa monna a fitlhelwa a robetse le mosadi yo o nyetsweng ke monna, a ba swe ka bobedi jwa bone, monna yo o robetseng le mosadi le ene mosadi. O tlose bosula jalo mo go Iseraele.

23“Fa go le morweetsana wa lekgarebe yo o beeletsweng ke monna, mme monna yo mongwe a kgatlhana nae mo motseng, a robala nae,

24lo ba ntshe kwa kgorong ya motse oo ka bobedi jwa bone, lo ba kgobotletse ka majwe gore ba swe, morweetsana, ka a se ka a itlhabela mokgosi a le mo motseng, le monna, ka a sentse mosadi wa mongwe-ka-ene. O tlose bosula jalo mo go wena.

25“Mme fa monna a kgatlhana le morweetsana yo o beeletsweng kwa nageng, mme monna a mo tshwara a robala nae, gona a monna yo o robetseng nae a swe a le esi.

26Mme morweetsana o se ka wa mo dira sepe. Morweetsana ga a na boleo jo bo tshwanetseng loso. Kana tiro e, e tshwana le ya monna yo o tsogelang mongwe-ka-ene, a mmolaya.

27Gonne monna o kgatlhanye nae kwa nageng, mme morweetsana yo o beeletsweng o ne a goa, mme go se na ope yo o ka mo thusang.

28“Fa monna a kgatlhana le morweetsana wa lekgarebe yo o iseng a beelelwe, a mo tshwara, a robala nae, mme ba bonwa,

29gona a monna yo o robetseng nae a nee rraagwe morweetsana diselefera di le 50, mme morweetsana e nne mosadi wa gagwe, ka a mo sentse; ga a kgone go mo tlhala ka malatsi otlhe a gagwe.

30“A monna a se ka a nyala mosadi wa ga rraagwe; a se ka a bipolola kobo ya ga rraagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help