JESAYA 18 - Setswana 1970(TSW70)

Taelo ya Modimo e e lebileng Ethiopia

1A tatlhego wee ya lefatshe la mosumo wa diphuka le le kwa moseja ga dinoka tsa Ethiopia!

2Le le romang barongwi mo lewatleng ka mekoro ya matlhaka e e tsamayang mo metsing. Lona barongwi ba ba lebelo, yaang kwa setšhabeng sa batho ba baleele ba ba phatsimang letlalo, kwa morafeng o o boifiwang mo ntlheng tsotlhe, o o laolang thata, o o gatelelang, o lefatshe la ona le kgaoganngwang ke dinoka.

3Lona baagi botlhe mo lefatsheng, lona banni ba lefatshe! E re fa sefoka se tlhongwa mo dithabeng, lebang! Fa lonaka lo lediwa, utlwelelang!

4Gonne Morena o buile le nna jaana a re: “Ke tla leba ke iketlile ke le mo mannong a me jaaka bolelo jo bo tsabakelang mo phatsimong ya letsatsi le jaaka leru la monyo mo bolelong jwa kotulo.

5Gonne e tla re thobo e ise e tle, fa dithunya di sena go tlhotlhorega, fa di fetoga maungo a moweine a a butswang, a kgaole dikala ka dithipa, a tlokotle matlhogela, a a tlose.

6Botlhe ba tla tlogelelwa manong a dithaba le dibata tsa lefatshe. Manong a tla nna mo go bone selemo, dibata tsotlhe di tla nna mo go bone mariga.”

7Ka sebaka seo neo e tla isediwa Morena wa masomosomo kwa felong ga leina la Morena wa masomosomo, kwa thabeng ya Sione; e tswa kwa morafeng wa batho ba baleele ba ba phatsimang letlalo, kwa morafeng o o boifiwang mo ntlheng tsotlhe, kwa setšhabeng se se laolang thata, se se gatelelang, se lefatshe la sona le kgaoganngwang ke dinoka.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help