DIPESALEME 57 - Setswana 1970(TSW70)

Pelo ya me e a itapolosa

1Loboko lwa ga Dafita lo lo kwaletsweng moopedisi lo lo opelwang ka moopelo wa: “O se ka wa senya”, jale fa a tshaba Saule, a tshabela kwa logageng.

2Nkutlwele botlhoko, Modimo,

o nkutlwele botlhoko;

gonne mowa wa me o batlile

botshabelo mo go wena;

ke tla batla botshabelo mo moriting

wa diphuka tsa gago,

go ya madimabe a be a fete.

3Ke bitsa Modimo,

Mogodimodimo,

Modimo o o nkhutlisetsang dilo

tsotlhe.

4O tla roma o le kwa legodimong,

o mpholosa,

fa yo o mpeteletseng a ntshotla.

Sela.

Modimo o tla roma

bopelotlhomogi jwa ona

le boammaaruri jwa ona.

5Ke na le go lala mo gare ga ditau,

e bong batho ba ba tukang bogale,

ba meno a bona e leng marumo

le metsu,

ba diteme tsa bona e leng ditšhaka

tse di bogale.

6Modimo, itsholeletse godimo ga

magodimo;

a kgalalelo ya gago e okame

lefatshe lotlhe.

7Ba thaisitse dikgato tsa me

ka letloa,

ba obile mowa wa me;

ba epile lemena fa pele ga me,

ba wetse mo go lone. Sela.

8Pelo ya me e gomotsegile,

Modimo,

pelo ya me e gomotsegile.

Ke tla opela, ke letsa.

9Thanya, tlotlo ya me!

Tsogang, harepa le kitara!

Ke rata go tsosa mahube a moso.

10Ke tla go baka mo merafeng,

Morena, ke go opelela

mo ditšhabeng.

11Gonne bopelontle jwa gago

bo bogolo,

bo fitlha kwa magodimong,

le boammaaruri jwa gago

bo fitlha kwa marung.

12Modimo, itsholeletse

godimo ga magodimo,

a kgalalelo ya gago

e okame lefatshe lotlhe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help