EKESODU 17 - Setswana 1970(TSW70)

Metsi a tswa mo lefikeng(Num. 20:1-13)

1Jaanong morafe otlhe wa Baiseraele wa tloga kwa sekakeng sa Sine, wa tsamaya o thibelela ka fa taolong ya Morena go ya go fitlha kwa Rafidime. Ba feta ba tlhoka metsi a a nowang.

2Mme morafe wa lwa le Moše wa re: “Re fe metsi re nwe.” Mme Moše a ba raya a re: “Lo lwelang le nna? Ke ka ntlha ya eng fa lo leka Morena?”

3Batho ba nyorelwa metsi gona; batho ba ngongoregela Moše ba re: “Ke ka ntlha ya eng, fa o re ntshitse kwa Egepeto gore o re bolae le bana ba rona le diruiwa tsa rona ka lenyora?”

4Mme Moše a goela Moreneng a re: “Nka dira eng ka batho ba? Ba setse ba le gaufi le go nkgobotletsa ka majwe.”

5 Morena a raya Moše a re: “Fetela kwa pele ga morafe, o ye le bangwe ba bagolo ba Baiseraele, o tshotse thobane ya gago e o ne wa itaya noka ka yona, o sepele.

6Bona, ke tla ema fa pele ga gago teng mo Horebe fa lefikeng. E tla re fa o itaya lefika, le tswe metsi gore morafe o nwe.” Moše a dira jalo fa pele ga bagolo ba Baiseraele.

7Felo foo a go taya leina la Masa le Meriba ; gonne Baiseraele ba ne ba lole, ba leka Morena ba re: “A Morena o teng mo gare ga rona gongwe nnyaya?”

Jošua o fenya Baamaleke

8E rile ba le kwa Rafidime, Baamaleke ba tla, ba tlhabana le Baiseraele.

9Ke fa Moše a laela Jošua a re: “Re tlhaolele banna, o tsoge o bolole kamoso, o tlhabane le Baamaleke. Nna ke tla ema mo setlhoeng sa thabana ke tshotse thobane ya Modimo ka letsogo.”

10Jošua a dira ka fa Moše a mo laetseng ka teng, a bolola go tlhabana le Baamaleke. Mme Moše le Arone le Hure ba tlhatlogela kwa setlhoeng sa thabana.

11E ne ya re fa Moše a tsholetsa mabogo, Baiseraele ba fenye; mme fa a diga mabogo, go fenye Baamaleke.

12Mme Moše a simolola go lapa mabogo, a nna bokete. Jaanong ba tsaya lentswe, ba le baya ka fa tlase ga gagwe, a nna mo go lone; Arone le Hure ba ntse ba tshegeditse mabogo a gagwe, mongwe ka fa le yo mongwe ka fa; ba tiisa mabogo a gagwe jalo, ga tsamaya letsatsi la phirima.

13Jošua a fenya Amaleke le batho ba gagwe ka bogale jwa tšhaka.

14Ke fa Morena a raya Moše a re: “Tseo di kwale mo lokwalong gore di se lebalwe, o di tsenye mo tsebeng tsa ga Jošua go re: Ruri, ke tla tlosa go gopola Amaleke gotlhe fa tlase ga letsatsi.”

15Moše a aga aletare, a e taya leina le le reng: “Morena ke sefoka sa me.”

16A ba a re: “A seatla se tshware sefoka sa Morena; Morena o tla lwa le Baamaleke go tswa losikeng go ya losikeng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help