DIPESALEME 112 - Setswana 1970(TSW70)

Lesego la yo o boifang Morena

1Haleluya!

Go sego monna

yo o boifang Morena,

yo ditaolo tsa gagwe

di mo kgatlhang segolo.

2Kokomana ya gagwe e tla nna

le thata e kgolo mo lefatsheng;

losika lwa ba ba nang le nnete

lo tla tshegofala.

3Letlotlo le khumo

di mo ntlong ya gagwe,

tshiamo ya gagwe e nnela ruri.

4Mosiami o bonegela

ba ba nang le nnete

mo lefifing jaaka lesedi,

a le boitshwarelo

le boutlwelo-botlhoko le tshiamo.

5Go sego monna

yo o kutlwelo-botlhoko, a adimana;

yo o dirang tsa gagwe ka tshiamo.

6Gonne ga a nke a theekela ka gope;

mosiami o tla nna

a gopolwa ka gale.

7Ga a nke a boifisiwa

ke polelo e e bosula;

o iteile pelo ka lentswe

ka go ikanya Morena.

8Pelo ya gagwe e tlhomame,

ga a nke a boifa sepe

go ya a be a lebe

baba ba gagwe ka kgatlhego.

9O gasagasetsa, batlhoki a ba fe.

Tshiamo ya gagwe e nnetse ruri;

lonaka lwa gagwe lo godisiwa

ka tlotlo.

10Fa moikepi a bona jalo,

o a ngala, a phuranye meno,

a swabe.

Keletso ya moikepi e a nyelela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help