1Ga ba ga atamela bomorwadia Selofehate, morwa Hefere, morwa Gileate, morwa Magire, morwa Manase, boora Manase, morwa Josefa; maina a bomorwadie e ne e le Magala le Noa le Hogola le Mileka le Thiresa;
2Ba tla ba ema fa pele ga Moše le fa pele ga Eleasare, moperesiti, le fa pele ga bagolo le phuthego yotlhe kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho, ba re:
3“Rraarona o swetse kwa sekakeng, mme o ne a se mo lekokong la ba ba utlwanyeng go lwa le Morena mo lekokong la ga Kora, mme o sule ka ntlha ya maleo a gagwe, a se na bomorwa.
4Jaanong leina la ga rraarona le tla tlosediwang mo losikeng lwa gagwe, ka a ne a se na morwa? Bogolo re neeng boswa jwa naga mo gare ga bomorwa-rraetsho-mogolo.”
5Moše a isa kgang ya tshiamisetso ya bone fa pele ga Morena.
6Morena a raya Moše a re:
7“Bomorwadia Selofehate ba bua nnete. Ke tshwanelo gore o ba nee boswa jwa naga mo gare ga bomorwa-rraabo-mogolo, ba je boswa jwa ga rraabo.
8Mme Baiseraele o ba ree o re: ‘Fa monna a swa, a se na morwa, lo nee morwadie boswa jwa gagwe.
9Fa a se na morwadi, lo nee bomorwa-rraagwe boswa jwa gagwe.
10Fa a se na bomorwa-rraagwe, foo boswa jwa gagwe lo bo nee bomorwa-rraagwe-mogolo.
11Fa a se na bomorwa-rraagwe-mogolo, foo boswa jwa gagwe lo bo nee yo o gaufi nae ka madi wa losika lwa gagwe gore a bo rue? – A seo se e nne tshiamiso ya molao mo Baiseraeleng jaaka Morena a laetse Moše.’ ”
Jošua o tlhongwa bogoging boemong jwa ga Moše(Doit. 31:1-8)12 Morena a ba a raya Moše a re: “Tlhatlogela mo dithabeng tse tsa Abarime, o bone lefatshe le ke le neileng Baiseraele.
13E tla re o sena go le bona, le wena o gorosiwe kwa morafeng wa gago jaaka Arone mogoloo a gorositswe teng,
14ka lo ne lwa fapoga taelo ya me kwa sekakeng sa Tsine, fa phuthego e lwa, lwa se ka lwa intshepisa fa metsing mo matlhong a bone. Ke raya ona Metsi a Komano a kwa Kateše sekakeng sa Tsine.”
15Mme Moše a raya Morena a re:
16“A Morena Modimo wa mewa ya nama yotlhe a ke a bee monna go nna mookamedi wa phuthego e,
17yo o ka ba etelelang pele, fa ba bolola le fa ba goroga, yo o tla ba bolotsang, a ba a ba gorosa gore phuthego ya Morena e se nne jaaka letsomane le le se nang modisa.”
18 Morena a raya Moše a re: “Tsaya Jošua morwa Nune; ke monna yo Mowa o leng mo go ene, o mmee seatla,
19o be o mo emise fa pele ga Eleasare moperesiti le fa pele ga phuthego yotlhe, o mo laye mo matlhong a bone.
20Le gona o bee karolo ya bogolo jwa gago mo go ene gore phuthego yotlhe ya Baiseraele e mo utlwe.
21A a eme fa pele ga Eleasare moperesiti gore ene a mo kopele katlholo ya Morena ka tengwa ya Lesedi. A ba bolole ka fa taelong ya gagwe, ba be ba goroge ka fa taelong ya gagwe, ene le phuthego yotlhe ya Baiseraele.”
22Moše a dira jaaka Morena a mo laetse; a tsaya Jošua, a mo emisa fa pele ga Eleasare moperesiti le fa pele ga phuthego yotlhe,
23a mmaya diatla, a mo laya jaaka Morena a mo laetse.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.