1Metlheng eo kgosi Herote a utlwela tumo ka ga Jesu,
2a ba a raya batlhanka ba gagwe a re: “Yo, ke Johane Mokolobetsi; o tsogile mo baswing, ke ka moo dinonofo di itshupang mo go ene.”
3Herote a re jalo, gonne o ne a tshwere Johane, a mo golega, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo ka ntlha ya ga Herodia, mosadi wa ga Filipo morwa-rraagwe.
4Gonne Johane o ne a mo reile a re: “Ga o a letlelelwa go nna nae.”
5Mme le fa a ne a rata go mmolaya, a boifa batho; gonne ba ne ba mo kaya moporofeti.
6E rile ka letsatsi la botsalo jwa ga Herote, morwadia Herodia a bina fa pele ga bone, a kgatlha Herote.
7Ke ka moo a mo solofetsang ka ikano go mo naya se a tla se kopang, le fe e ka nna eng.
8Mme ya re a sena go tlhotlhelediwa ke mmaagwe, a re: “Nnaya fano tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi ka mogopo.”
9Jaanong kgosi ya hutsafala; mme ka ntlha ya maikano le ka ntlha ya ba ba ntseng nayo fa dijong ya laela gore a e newe.
10A ba a roma motlhanka go kgaola Johane tlhogo kwa ntlong ya kgolegelo.
11Mme tlhogo ya gagwe ya tsisiwa ka mogopo, ya newa morweetsana, mme ene a e isa kwa go mmaagwe.
12Barutwa ba gagwe ba tla, ba tsaya serepa, ba se fitlha, ba be ba tla ba bolelela Jesu.
13E rile a utlwa, a tloga teng ka mokoro, a ya a le nosi felong gongwe kwa sekakeng; mme ya re batho ba utlwa, ba mo latela ka dinao, ba tswa mo metseng.
Ntsifatso ya ntlha ya dinkgwe(Mar. 6:31-44; Luka 9:10-17; Joh. 6:1-14)14Ya re a tswa teng, a bona lesomo le legolo la batho, a ba tlhomogela pelo, a ba a fodisa balwetse ba bone.
15Ya re go le maitsiboa, barutwa ba gagwe ba ya go ene ba re: “Felo fa ke sekaka, mme lobaka lo setse lo fetile; naya batho tsela gore ba ye metsaneng, ba ithekele dijo.”
16Mme Jesu a ba fetola a re: “Ga go batlege gore ba tsamae; lona ba feng, ba je!”
17Bone ba re: “Fano ga re na sepe, fa e se dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi.”
18Ene a re: “Di tsiseng kwano go nna!”
19Ya re a sena go laela batho go nna mo bojannye, a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a lelala kwa legodimong, a leboga, a nathoganya dinkgwe, a di neela barutwa, mme barutwa ba di abela batho.
20Ba ja botlhe, ba kgora, ba be ba sela masadisa, a tlala ditlatla di le 12.
21Ba ba jeleng e ka nna banna ba ba dikete tse tlhano, go sa balwe basadi le bana.
Jesu o tsamaya fa godimo ga letsha(Mar. 6:45-52; Joh. 6:15-21)22Jaanong a akofa a kgola barutwa gore ba palame mokoro, ba mo etelele pele ba ye kwa moseja, ene a sa ntse a phatlalatsa batho.
23E rile a sena go naya batho tsela, a tlhatlogela kwa thabeng a le esi go rapela; ya re go le maitsiboa, a bo a le teng a le esi.
24Mme mokoro wa bo o setse o le mo gare ga letsha, o tshwenngwa ke makhubu; gonne ba ne ba tlhabaganye le phefo.
25Ya re ka tebelo ya bone ya bosigo a tla kwa go bone, a tsamaya mo godimo ga letsha.
26Ya re barutwa ba mmona a tsamaya mo godimo ga letsha, ba tshoga ba re: “Ke sedimo!” ba be ba kua ka ntlha ya poifo.
27Jesu a akofa a bua nabo a re: “Namatshegang! Ke nna, se boifeng!”
28Petoro a mo araba a re: “Morena, fa e le wena, ntaolela gore ke tle go wena mo godimo ga metsi.”
29Jesu a re: “Tlaya!” Petoro a fologa mo mokorong, a tsamaya mo godimo ga metsi, a ya kwa go Jesu.
30Mme ya re a bona phefo e e thata, a boifa, mme ka a simolola go nwela, a goa a re: “Morena, nkinola!”
31Jesu a akofa a ntsha letsogo, a mo tshwara, a mo raya a re: “Wena yo o tumelo e potlana, o ne o belaelelang?”
32Ya re ba sena go palama mokoro, phefo ya didimala.
33Mme ba ba mo mokorong ba mo obamela ba re: “Ammaaruri, o Morwa Modimo!”
Jesu o fodisa balwetse kwa Genesareta(Mar. 6:53-56)34Ya re ba sena go tshela, ba fitlha kwa lefatsheng la Genesareta.
35Ya re banna ba felo foo ba mo lemoga, ba romela mo tikologong eo yotlhe; ke fa batho ba tsisa ba ba lwalang go ene,
36ba mo rapela gore ba ame kola fela ya kobo ya gagwe; mme botlhe ba ba neng ba e ama ba fola.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.