NUMERI 30 - Setswana 1970(TSW70)

Melao ka ga maikano

1Moše a ba a bua le ditlhogo tsa ditso tsa Baiseraele a re: “Se Morena o se laetseng ke se:

2E re fa monna a solofetsa Morena sengwe gongwe a ikana maikano a go itima sekete, a se ka a tlhanogela lefoko la gagwe, mme a a dire fela jaaka go dule mo molomong wa gagwe.

3“Fela fa e le mosadi yo o ikanelang Morena maikano gongwe a ipofa go itima sengwe, a le mo lapeng la ga rraagwe, a le mo bokgarebeng jwa gagwe,

4mme rraagwe a utlwa maikano a gagwe le maipofo a go itima a o ipofileng ka ona, mme rraagwe a mo didimalela, gona maikano otlhe a gagwe a tla bo a tlhomame, le maipofo otlhe a o ipofileng ka ona a tla bo a tlhomame.

5Mme fa rraagwe a mo thibela ka letsatsi le a utlwang ka lone, gona maikano otlhe a gagwe le maipofo a gagwe a go itima a o ipofileng ka ona, a tla bo a sa tlhomama, mme Morena o tla mo itshwarela, ka rraagwe a mo thibetse.

6“Jaanong fa a nyalwa ke monna a ntse a bofegile ka maikano a gagwe gongwe ka mafoko a o a buileng ka potlako a o ipofileng ka ona,

7mme monna mogang a utlwang, fa a ka mo didimalela ka letsatsi le o utlwileng ka lone, gona maikano a gagwe a na le go dirafadiwa, le maipofo a gagwe a go itima sengwe a o ipofileng ka ona, a na le go dirafadiwa.

8Mme fa monna wa gagwe a mo thibela ka letsatsi le a utlwang ka lone, gona o tla bo a dirolola maikano a mosadi a o bofegileng ka ona le mafoko a o a buileng ka potlako, a ipofa ka ona, mme Morena o tla itshwarela mosadi.

9“Maikano a motlholagadi le a yo o tlhadilweng, maipofo otlhe a ene o ipofileng ka ona o na le go a dirafatsa.

10“Mme fa mosadi a ikana a le mo lapeng la monna wa gagwe gongwe a ipofa ka maikano go itima sengwe,

11mme e re monna wa gagwe a utlwa a mo didimalela, a sa mo thibele, gona maikano otlhe a gagwe o na le go a dirafatsa, le maipofo otlhe a o ipofileng ka ona go itima sengwe o na le go a dirafatsa.

12Fela fa monna wa gagwe a a dirolola ka thanolo ka letsatsi le a utlwang ka lone, gona ga go na sepe se se ka dirafalang sa tse di duleng mo molomong wa gagwe le sa maikano a gagwe le sa maipofo a go itima sengwe. Monna wa gagwe o se dirolotse, mme Morena o tla itshwarela mosadi.

13Tsholofetso nngwe le nngwe ya mosadi le maikano otlhe a go itima sengwe go ikwatlhaisa pelo, monna wa gagwe o ka di tlhomamisa, gongwe a ka di dirolola.

14Fa monna wa gagwe a mo didimalela go fitlhelela kamoso, gona o tlhomamisitse maikano otlhe a gagwe gongwe maipofo otlhe a gagwe a go itima sengwe; monna o a tlhomamisitse, ka a ne a mo didimalela ka letsatsi le a utlwileng ka lone.

15Mme fa a di dirolola morago ga malatsi a sena go utlwa, foo o tla rwala molato wa mosadi.”

16Ke yona melao e Morena o e laetseng Moše ka ga monna le mosadi wa gagwe le ka ga rra-motho le morwadie a ntse a le mo bokgarebeng jwa gagwe mo lapeng la ga rraagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help