DIPESALEME 59 - Setswana 1970(TSW70)

Thuso mo dinokwaneng tse di ikgantshang

1Loboko lwa ga Dafita lo lo kwaletsweng moopedisi, lo lo opelwang ka moopelo wa: “O se ka wa senya”, lo kwadilwe jale fa Saule a roma go lalela fa ntlong go bolaya Dafita.

2Modimo wa me,

nnamolele mo babeng ba me,

o ntshireletse

mo go ba ba ntsogelang.

3Nnamolele

mo go ba ba dirang bosula,

o nthuse mo banneng

ba ba tshololang madi.

4Gonne bona,

ba laletse botshelo jwa me,

diganka di a ntlhasela, ke se kgopo,

ke sa leofa, Morena.

5Ba a taboga, ba a ipaakanya,

ke se na molato ope.

Tsoga go nkgatlhantsha, o bone.

6Ee, Morena,

Modimo wa masomosomo,

wena Modimo wa Iseraele,

thanya o betse baheitane botlhe,

mme o se ka wa itshwarela ope

wa baikepi ba boikanyologo. Sela.

7Ba nne ba boe maitsiboa,

ba lele jaaka dintšwa,

ba dikologe mo motseng.

8Bona, ba nyefola ka melomo;

ditšhaka di mo melomong ya bona;

gonne ba re:

“Ke mang yo o utlwang?”

9Mme wena, Morena,

o a ba tshega,

o sotla baheitane botlhe.

10Wena thata ya ka,

ke tla go ela tlhoko;

gonne wena Modimo

o phemelo ya ka.

11Modimo wa me o tla nkgatlhantsha

ka bopelotlhomogi jwa ona;

Modimo o tla ntebisa

baba ba me ka boitumelo.

12O se ka wa ba bolaela ruri,

gore batho ba me

ba tle ba se ka ba lebala.

Ba kgarakgatshe ka thata ya gago,

o ba dige, wena Morena,

thebe ya rona.

13Boleo jwa bona

ke lefoko la melomo ya bona.

A ba tshwarwe

mo boikgantshong jwa bona,

le ka ntlha ya dithogakano

le dikako tse ba di buang.

14Ba nyeletse ka kgakalo,

ba nyeletse gore ba se ka ba tlhola

ba le yo,

mme ba lemoge gore Modimo

o busa mo go Jakobe

go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe.

Sela.

15Ba nne ba boe maitsiboa,

ba lele jaaka dintšwa,

ba dikologe mo motseng.

16Ba kgarakgatshegela dijo;

fa ba sa kgore, ba a ngongorega.

17Mme nna ke tla opela

ka ga thata ya gago,

ke tla dudueletsa

bopelotlhomogi jwa gago

mo mosong mongwe le mongwe;

gonne o ne o le phemelo ya me

le botshabelo jwa me

ka letsatsi la tlalelo.

18Wena thata ya me,

ke tla go opelela;

gonne wena Modimo

o phemelo ya me,

Modimo o o bopelotlhomogi

wa me.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help