DIPESALEME 129 - Setswana 1970(TSW70)

Bokhutlo jwa baba ba Baiseraele

1Sefela sa go ya Tempeleng.

“Ba sa le ba mpitlaganya gantsintsi

go tswa bokaung jwa me” –

a Baiseraele ba bue jalo ba re:

2“Ba sa le ba mpitlaganya gantsintsi

go tswa bokaung jwa me,

mme ga ba a ka ba mphenya.

3Balemi ba lemile

mo mokokotlong wa me;

ba leelefatsa mesele ya bona

ya mogoma.

4 Morena o siame;

o kgaotse dikgole tsa baikepi.”

5A ba tlhajwe ke ditlhong,

ba kate ka morago bona botlhe

ba ba tlhoileng Sione.

6A ba nne jaaka bojang

jo bo tlhogang

mo godimo ga ntlo,

jo bo omelelang

bo ise bo kumolwe,

7jo mosegi o sa bo tlatseng seatla,

le e seng yo o bofang dingata

go bo tlatsa letsogo;

8fa bafeti ba sa ka keng ba bua teng

ba re:

“A tshegofatso ya Morena

e nne le lona,

re lo tshegofatsa

ka leina la Morena.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help