NUMERI 12 - Setswana 1970(TSW70)

Miriame wa mongongoregi o bediwa ka lepero

1Letsatsi le lengwe Miriame le Arone ba ne ba nyefola Moše ka ntlha ya mosadi wa Mokhuše yo a neng a mo tsere; gonne o ne a nyetse mosadi wa Mokhuše.

2Ba ne ba re: “A Morena o buile ka Moše a le esi fela? A ga a a bua le ka rona?” athe Morena o a ba utlwa.

3Monna yoo, Moše, o ne a le pelonolo thata bogolo go batho botlhe ba ba mo lefatsheng.

4Mme Morena a akofa a bua le Moše le Arone le Miriame a re: “Tswelang kwa Tenteng ya Boipontsho ka boraro jwa lona. Ba tswa ka boraro jwa bone.”

5Ke fa Morena a fologa a le mo pinagareng ya leru, a ema fa mojakong wa Tente, a bitsa Arone le Miriame, mme ba tswa boo bedi.

6Morena a re: “Utlwang tlhe mafoko a me! Fa mongwe mo go lona e le moporofeti wa Morena, ke tla mo ikitsise ka pono, ke bua nae ka toro.

7Mme ka ga Moše motlhanka wa me, ga go a nna jalo, ke yo o ikanyegang mo ntlong yotlhe ya me.

8Ke bua nae re lebagantse difatlhego le ka pono, e seng ka dinyepo; o bona ponalo ya Morena. Ke go reng, fa lo sa boifa go nyefola Moše motlhanka wa me?”

9Jaanong Morena a ba tukela bogale, a tsamaya.

10Mme ya re leru le sena go tloga mo godimo ga Tente, Miriame a bo a sweufetse ka lepero jaaka semathana. Ya re Arone a retologela kwa go Miriame, a mmona a le lepero.

11Ke fa Arone a raya Moše a re: “Tswetswe, mongwame, a ko o se ka wa re rwesa boleo, ka re dirile ka bosilo, ra leofa.

12A Miriame a se nne jaaka moswi yo bontlhanngwe jwa nama ya gagwe bo jegileng, fa a tswa mo sebopelong sa ga mmaagwe.”

13Moše a goela Moreneng a re: “Joo! Modimo, a ko o mo fodise!”

14Ke fa Morena a raya Moše a re: “Fa rraagwe a ka bo a mo kgwetse mathe mo sefatlhegong, a o ka bo a se ka a tlhajwa ke ditlhong malatsi a supa? A a tswalelwe malatsi a supa kwa ntle ga bothibelelo, a be a tsholwe gape morago ga moo.”

15Miriame a tswalelwa jalo malatsi a supa kwa ntle ga bothibelelo. Mme morafe wa se ka wa bolola ga tsamaya Miriame a ba a tsholwa.

16Morago ga moo morafe wa tloga kwa Haserothe, wa thibelela mo sekakeng sa Pharane.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help