JESAYA 46 - Setswana 1970(TSW70)

1“Bele o kokobetse,

Nebo o sokame!

Ditshwantsho tsa medimo

ya bone di belesitswe diesele le

dikgomo, tse lo neng lo di rwala.

Jaanong ke morwalo wa diphedi

tse di lapileng.

2Di feletswe ke thata,

di wela mmogo fa fatshe,

ga di kgone go pholosa

morwalo wa medimo.

Yona ka yosi

e ya mo botshwarong.

3“Nkutlweng,

lona ba lapa la ga Jakobe

le lona masalela otlhe

a Baiseraele:

Ke lona lo belegweng ke nna

go tswa sebopelong;

ke lona lo beputsweng ke nna.

4Mme ke ntse ke le ene

go fitlha tsofalong.

Ke nna yo ke tla belegang lona

go tsamaya lo nna

tlhogo di pududu.

Ke nna yo ke dirileng jalo;

ke nna yo ke tla rwalang,

ke nna yo ke belegang,

ke nna yo ke pholosang.

5“Lo tla ntshwantshanya le mang,

lo ntekanya le mang,

lo mpapisa le mang,

gore re tshwane?

6Ba ba ntshang gouta

mo letloleng le go lekanya selefera

ka selekanyetso,

ba rapa mothudi wa gouta

gore a dire modimo ka tsona;

ba feta ba khubama,

ee, ba o obamela.

7Ba o sikara mo magetleng,

ba o rwala,

ba o emisa mo mannong a ona.

Jaanong o eme,

ga o sute mo felong ga ona.

Le fa mongwe a goela

kwa go ona,

ga o arabe;

ga o mo pholose

mo tlalelong ya gagwe.

8“Gakologelwang tseo,

lo eme senna,

lona baikepi, lo di tlhokomele!

9Gakologelwang dilo tsa pele,

tsa bogologolo.

Kana ke nna Modimo,

ga go na ope o sele;

ke nna Modimo, ga go na ope

yo o tshwanang le nna.

10Ke nna yo ke itsisitseng

bokhutlo

e sa le mo tshimologong,

le tse di iseng di dirafale

mo metlheng ya kgale.

Ke nna yo ke rileng:

‘Maikaelelo a me a tla dirafala;

tsotlhe tse di nkgatlhang

ke tla di dira.

11Ke nna yo ke biditseng ntsu

kwa botlhabatsatsi,

e bong monna yo o tla

dirafatsang maikaelelo a me,

a tswa kwa lefatsheng

le le kgakala.

Ke di begile,

le gona ke tla di tlisa;

ke di etleeditse,

le gona ke tla di fetsa.

12“ ‘Nkutlweleleng,

lona ba lo pelo

di thatafaditsweng,

ba lo leng kgakala le tshiamo!

13Ke atameditse tshiamiso ya me,

ga e kgakala.

Pholoso ya me ga e diege.

Ke aba pholoso mo Sione,

ke naya Iseraele kgalalelo ya me.’ ”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help