1Aborahame a tsaya mosadi gape; leina la gagwe e ne e le Ketura.
2Ene a mo tsalela Simerane le Jokosane le Metane le Midiane le Isepake le Sua.
3Jokosane a tsala Šeba le Detane; bomorwa Detane e ne e le Baašuri le Balethuši le Baleumi.
4Bomorwa Midiane e ne e le Efa le Efere le Henoge le Abita le Eletaha. Botlhe bao e ne e le bana ba ga Ketura.
5Mme Aborahame a abela Isaka tsotlhe tse e leng tsa gagwe.
6Fa e le bomorwa bagadingwana ba Aborahame o neng a na nabo, a ba abela dineo, a ba kgaoganya le Isaka morwawe, Aborahame a sa ntse a phela gore ba ye kwa botlhabatsatsi kwa lefatsheng le le ntlheng ya botlhabatsatsi.
Loso lwa ga Aborahame le phitlho ya gagwe7Malatsi a dinyaga tsa bophelo jwa ga Aborahame tse o neng a phela ka tsona ke dinyaga di le 175.
8Aborahame a tlhokafala, a swa a tsofetse thata, e le monnamogolo, a jele lefatshe, a bilediwa kwa go borraagwe.
9Bomorwawe Isaka le Isemaele ba mo fitlha mo logageng lwa Makapela nageng ya ga Eferone, morwa Sohare wa Mohethe, e e lebaganyeng le Mamere.
10Ke naga ele e Aborahame o neng a e reka mo go Bahethe. Ke fa go fitlhilweng Aborahame le Sara, mosadi wa gagwe teng.
11Ya re Aborahame a sena go swa, Modimo wa tshegofatsa Isaka morwawe. Isaka a nna kwa sedibeng sa “Mophedi-yo-o-mponang.”
Losika lwa ga Isemaele(1 Ditiraf. 1:28-31)12Losika lwa ga Isemaele, morwa Aborahame, yo Hagare wa Moegepeto, lelata la ga Sara, o mo tsetseng le Aborahame, ke lo:
13Maina a bomorwa Isemaele, a ditshika tsa bone di bidiwang ka ona ke a: Morwa wa ntlha wa ga Isemaele e ne e le Nebayothe; a tlhomagannwa ke Ketare le Atebele le Mibesame
14le Misima le Duma le Masa
15le Hatate le Thema le Jeture le Nafise le Kedima.
16Ke bone bomorwa Isemaele, ke ona maina a bone mo malapeng a bone le mo metsaneng ya bone ya ditente; ke dikgosana di le 12 tsa ditso tsa tsona.
17Dinyaga tsa bophelo jwa ga Isemaele ke di le 137. Ya baa gona a tlhokafalang, a swa, a bilediwa kwa go borraagwe.
18Baisemaele ba ne ba agile go simolola kwa Hawila go fitlha kwa Sure yo o mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Egepeto le go fitlha kwa Asiria. Ba nna mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya bomorwa-rraabo botlhe.
Botsalo jwa ga Esau le Jakobe19Losika lwa ga Isaka, morwa Aborahame, ke lo: Aborahame o ne a tsala Isaka.
20Isaka o ne a le dinyaga di le 40, fa a tsaya Rebeka, morwadia Bethuele wa Mosiria wa kwa Phatane-Arame, kgaitsadia Labane wa Mosiria gore a nne mosadi wa gagwe.
21Isaka o ne a rapela Morena ka ntlha ya mosadi wa gagwe, gonne o ne a le moopa. Morena a mo utlwa; mme Rebeka, mosadi wa gagwe, a ithwala.
22Mme bana ba thulana mo teng ga gagwe. Ke fa a re: “Fa go ntse jalo ke phelelang?” Mme a ya go botsa Morena.
23 Morena a mo araba a re: “Ditšhaba tse pedi di mo teng ga gago; merafe e mebedi e tla kgaogana, e tswa mo mpeng ya gago. Morafe mongwe o tla feta o mongwe ka thata. Yo mogolo o tla direla yo mmotlana.”
24E rile malatsi a gagwe a go belega a sena go fitlha, ga bonala gore o tla tshola mafatlha.
25Wa ntlha a tla a le mohibidu, a tshwana gotlhe le kobo e e boboa; ke ka moo ba neng ba mmitsa Esau.
26Morago ga moo ga tla monnawe, seatla sa gagwe se tshwere serethe sa ga Esau; ene ba mo taya leina la Jakobe. E rile fa ba tsalwa, Isaka a bo a na le dinyaga di le 60.
Esau o rekisa botsalwapele jwa gagwe27Jaanong e rile basimane ba gola, Esau a nna motsomi yo o senatla le monna wa kwa nageng, mme Jakobe e ne e le monna yo o masisi, a nna mo gae.
28Isaka o ne a rata Esau, ka a ne a natefelwa ke nama ya phologolo, mme Rebeka ene a rata Jakobe.
29Jakobe o kile a apaya dijo, mme Esau a tla a tswa kwa nageng a lapile thata.
30Ke fa Esau a raya Jakobe a re: “A ko o mphe, ke je bohibidu jo, gonne ke lapile thata.” Ke ka moo ba mo teileng leina la Etomo.
31Mme Jakobe a re: “Rekisa pele mo go nna botsalwapele jwa gago.”
32Esau a re: “Bona, ke gaufi le go swa; go tsalwa pele go tla nthusa eng?”
33Jakobe a re: “Inkanele pele!” A mo ikanela, a rekisa botsalwapele jwa gagwe mo go Jakobe.
34Ke fa Jakobe a fa Esau senkgwe le dikgobe tse dikhibidu, a ja a nwa, a nanoga a tsamaya. Esau a nyatsa jalo botsalwapele jwa gagwe.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.