DIANE 29 - Setswana 1970(TSW70)

1Monna yo o gagamatsang molala, le fa a kgalemetswe gantsi, o tla pšhwetlakanngwa ka tshoganyetso, mme go se na thuso.

2Fa basiami ba ntsifala, morafe o a itumela; fa baikepi ba busa, morafe o a fegelwa.

3Monna yo o ratang botlhale o itumedisa rraagwe; mme yo o kopanang le diaka o fetsa dithoto tsa gagwe.

4Kgosi e phedisa lefatshe sentle ka tshiamo, mme yo o kgethisang batho go feta tekanyo o a le tubaka.

5Monna yo o buang mafoko a a borethe le mongwe-ka-ene o ngamolela dinao tsa gagwe serai.

6Go na le mutlwane mo tseleng ya monna yo o bosula, mme mosiami o ka siana a thabile.

7Mosiami o itse tse di tshwanetseng ba babotlana, mme moikepi ga a di lemoge, ga a di itse.

8Basotli ba tsosa moferefere mo motseng, mme ba ba botlhale ba tima bogale.

9Fa motlhalefi a seka le lesilo, le tla tlhodia le tshega, mme go se na boikhutso.

10Banna ba ba tshololang madi ba tlhoa mmoifi-Modimo; ba batla go bolaya ba e leng ba nnete.

11Lesilo le ntsha bogale jotlhe jwa lone, mme letlhale le bo kokobetse morago.

12Mmusi yo o utlwelelang mafoko a maaka, badiredi ba gagwe ke baikepi fela.

13Mohumanegi le mogateledi ba a kgatlhana; Morena o sedimosa matlho a bobedi jwa bone.

14Kgosi e e direlang ba babotlana tse di ba tshwanetseng ka boikanyo, sedulo sa yona sa bogosi se tla tlhomama ka bosakhutleng.

15Thupa le kgalemelo di a tlhalefisa; mme mosimane yo o itaolang o tlhabisa mmaagwe ditlhong.

16Fa baikepi ba ntsifala, go ntsifala maleo, mme basiami ba tla bona tatlhego ya bone, ba itumela.

17Otla ngwana wa gago, mme o tla go ikhutsisa, a go thabisa pelo.

18Fa go se na pono ya moporofeti, batho ba itaola fela, mme go sego yo o tshegetsang molao.

19Motlhanka ga a siamisiwe ka mafoko; le fa a a tlhaloganya, ga a a kgathalale.

20Fa o bona monna yo o bonako mo puong ya gagwe, lesilo le solofelwa go ka tlhabologa bogolo go ene.

21Yo o lêmang motlhanka wa gagwe go tloga bonyaneng, la bofelo o tla mmona a nna matepe.

22Monna yo o bogale o losa batho; yo o pelo-khutshwane o leofa gantsi.

23Boikgodiso jwa motho bo tla mo isa tlase, mme yo o ikokobetsang o tla bona tlotlo.

24Yo o jang le legodu o a itlhoa; o utlwa go rogakwa yo o sa begeng legodu, mme ga a le bege.

25Go boifa batho go tlisa serai, mme yo o ikanyang Morena o tla femelwa.

26Ba bantsi ba batla sefatlhego sa mmusi, mme tshiamelo ya motho e tswa mo Moreneng.

27Yo o dirang ka tshiamololo o ilwa ke basiami; wa tsamao ya nnete o ilwa ke moikepi.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help