2 DITIRAFALO 32 - Setswana 1970(TSW70)

Baasiria ba tlhasela Jerusalema(2 Dikg. 18:13-27; 19:14-19,35-37; Jes. 36:1-22; 37:8-38)

1Morago ga dilo tseo le boikanyo joo ga tla Saneheribe kgosi ya Asiria, a tsena mo nageng ya Juta, a dikanyetsa metse e e femetsweng ka ntwa, a re o a e ithopela.

2Jaanong ya re Hesekia a bona Saneheribe a tla a ikaeletse go tlhasela Jerusalema,

3a utlwana le dikgosana tsa gagwe le bagale ba gagwe go katela metswedi e e neng e le ka fa ntle ga motse, mme ba mo thusa.

4Ga phuthega batho ba bantsi, ba katela metswedi yotlhe le nokana e e elang e ralala lefatshe ba re: “Dikgosi tsa Asiria di tla bo di fitlhelelang metsi a mantsi?”

5Hesekia a ba a nna pelokgale a aga lobota lotlhe lo lo neng lo thubilwe, a aga dinaka tsa phemelo mo godimo ga lone le lobota lo longwe ka kwa ntle, a tiisa kago ya phemelo ya Milo mo motseng wa ga Dafita, a dira dibolai ka bontsi le dithebe.

6A ba a baya balaodi ba ntwa ba ba laolang batlhabani, a ba phuthela kwa go ene kwa patlelong ya kgoro ya motse, a bua nabo, a tiisa dipelo tsa bone a re:

7“Tiang lo nne pelokgale se boifeng, se tshogeng kgosi ya Asiria le bontsi jotlhe jo bo nang nayo. Gonne yo o nang le rona o mogolo bogolo go yo o nang nayo.

8Yona e na le letsogo la nama fela, mme yo o nang le rona ke Morena, Modimo wa rona, go re thusa le go re tlhabanela ditlhabano tsa rona.” Mme batlhabani ba ikanya mafoko a ga Hesekia kgosi ya Juta.

9Morago ga moo Saneheribe, kgosi ya Asiria, a roma batlhanka ba gagwe kwa Jerusalema, ene a ntse a le kwa Lagiše a na le mephato yotlhe ya gagwe. Ba fitlha kwa go Hesekia, kgosi ya Juta, le kwa go Bajuta botlhe ba Jerusalema ba re:

10“Saneheribe, kgosi ya Asiria, e bua jaana e a re: ‘Lo ikantse eng, fa lo ntse mo Jerusalema yo o dikanyeditsweng ka ntwa?

11Ruri Hesekia o a lo aketsa, o lo bolaya ka tlala le lenyora, mme o ntse a re: Morena, Modimo wa rona, o tla re namolela mo diatleng tsa kgosi ya Asiria.

12A ga se ene Hesekia yo o tlositseng dithota tsa tlhabelo tsa ona le dialetare tsa ona, a raya batho ba Juta le ba Jerusalema a re: Obamelang fa pele ga aletare e le nngwe fela, lo tshube maswalo mo go yona?

13A ga lo itse se nna le borre re se diretseng merafe yotlhe ya mafatshe? A tota medimo ya ditšhaba tsa mafatshe e kgonne go namolela mafatshe a tsona mo diatleng tsa me?

14Ke ofe modimo mo medimong yotlhe ya ditšhaba tseo tse borre ba di bolaileng ka khutso ya Modimo, o o kgonneng go pholosa morafe wa ona mo diatleng tsa me, mo Modimo wa lona o ka bong o kgona go lo pholosa mo diatleng tsa me?

15Jaanong he, a Hesekia a se lo tsietse le e seng go lo timetsa ka mokgwa o o ntseng jalo, se mo dumeleng; gonne ga go na modimo ope wa setšhaba sepe le wa bogosi bope o o kileng wa kgona go golola morafe wa ona mo diatleng tsa me le mo diatleng tsa borre. Mme Modimo wa lona ona o tla tlhaela bogolo jang go ka lo pholosa mo diatleng tsa me!’ ”

16Mme batlhanka ba gagwe ba bua tse dingwe gape tsa go kgala Morena, Modimo, le tsa go nyatsa Hesekia, motlhanka wa gagwe.

17Le gona Saneheribe o na a kwadile lokwalo lwa go kgoba Morena, Modimo wa Iseraele, le lwa go o roga a re: “Modimo wa ga Hesekia ga o kitla o pholosa morafe wa ona mo diatleng tsa me fela jaaka medimo ya ditšhaba tsa mafatshe e se ka ya pholosa merafe ya yona mo diatleng tsa me.”

18Ba bile ba tlhatlosa mantswe, ba tlhaeletsa batho ba Jerusalema ka Sejuta ba ba neng ba le mo loboteng, e le go ba boifisa le go ba nyemisa moko gore ba tle ba thope motse.

19Ba bua tsa go kgala Modimo wa Jerusalema jaaka ba kgala medimo ya merafe ya lefatshe e e leng dibopiwa tsa diatla tsa batho fela.

20Mme e rile kgosi Hesekia le moporofeti Jesaya, morwa Amotse, ba rapela ka ntlha ya tseo ba goela legodimong.

21Morena a roma moengele, ene a nyeletsa bagale botlhe le bagogi le balaodi mo bothibelelong jwa kgosi ya Asiria, mo e bileng ya boela kwa lefatsheng la yona ka ditlhong. Jaanong ya re e tsena mo tempeleng ya modimo wa yona, bana ba yona, ba e ba tsetseng, ba e bolaela teng ka tšhaka.

22Ka mokgwa oo Morena a pholosa Hesekia le baagi ba Jerusalema mo diatleng tsa ga Saneheribe, kgosi ya Asiria, le mo diatleng tsa baba botlhe, a ba naya boikhutso ntlheng tsotlhe.

23Ba bantsi ba nna ba isetsa Morena dineo kwa Jerusalema le Hesekia kgosi ya Juta, ba e ntshetsa dilo tsa botlhokwa mo e bileng ya godisiwa morago ga tseo mo matlhong a ditšhaba tsotlhe.

Bolwetse jwa ga Hesekia le boikgodiso jwa gagwe(2 Dikg. 20:1-3,12-19; Jes. 38:1-3; 39:1-8)

24E rile mo metlheng eo Hesekia a lwala lwa go swa a rapela Morena, mme ene a mo utlwa, a mo naya sesupo se se gakgamatsang.

25Mme Hesekia a se ka a lebogela se a se diretsweng, a ikgodisa; ka moo a tukelwa bogale le ba Juta le ba Jerusalema.

26Le gale Hesekia a ikwatlhaela boikgodiso jwa pelo ya gagwe mmogo le baagi ba Jerusalema; ka moo bogale jwa Morena jwa se ka jwa ba wela mo metlheng ya ga Hesekia.

Khumo ya ga Hesekia le tlotlo ya gagwe

27Hesekia o ne a na le khumo le tlotlo mo gogolo thata, a ba a itirela matlwana a polokelo ya selefera le gouta le majwana a a tlhokegang le makga le dithebe le dilwana tsa mefutafuta tse di eletsegang

28le matlo a polokelo a kotulo ya mabele le matute a moweine le lookwane le maraka a diruiwa tsa mefutafuta le meraka ya matlhape.

29A ba a itirela metse le leruo le legolo la difutshane le dikgomo; gonne Modimo o ne o mo tshegofaditse ka dithoto tse dintsi thata.

30Ke ene Hesekia yo o neng a thiba kelelo e e kwa godimo ya metsi a noka ya Kihone, a a folosa a a tsamaisa ntlheng ya bophirima ya motse wa ga Dafita. Hesekia o ne a tlhogonolofala mo tirong nngwe le nngwe ya gagwe.

31Le gona o ne a ntse jalo, fa barongwi ba babusi ba Babele ba tla ba romilwe kwa go ene go botsolotsa ka ga sesupo se se gakgamatsang se se dirafetseng mo lefatsheng; ke fa Modimo o mo tlogela fela go mo leka gore o itse tsotlhe tse di leng mo pelong ya gagwe.

Bokhutlo jwa puso ya ga Hesekia(2 Dikg. 20:20,21)

32Ditirafalo tse dingwe tsa ga Hesekia le ditiro tsa gagwe tsa tumelo-Modimong kana di kwadilwe mo ponong ya moporofeti Jesaya morwa Amotse le mo lokwalong lwa dikgosi tsa Juta le Iseraele.

33Mme Hesekia a robala le borraagwe, a fitlhwa fa thotaneng ya diphupu tsa boora Dafita. Batho botlhe ba Juta le baagi ba Jerusalema ba mo direla ka tlotlo mo losong lwa gagwe. Mme Manase morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help