DIPESALEME 90 - Setswana 1970(TSW70)

KAROLO YA BONE, DIPESALOME 90 – 106Bosengsepe jwa motho

1Thapelo ya ga Moše, monna wa Modimo.

Morena, o ntse o le botshabelo

jwa rona mo ditshikatshikeng.

2Pele dithaba di ise di tsalwe,

o ise o tlhole lefatshe le lebopo,

wena o ntse o le Modimo

go tswa bosenang-tshimologo

go ya bosakhutleng.

3O busetsa batho loroleng lwa mmu

wa re: “Boang, bana ba batho.”

4Gonne dinyaga di le sekete,

mo matlhong a gago

di tshwana le letsatsi le le fetileng

la maabane,

di tshwana le tiso ya bosigo.

5O ba gogotse jaaka ka morwalela;

ba ntse jaaka ba robetse.

Mo mosong ba nne jaaka bojang

jo bo tlhogang,

6jo bo thunyang mo mosong,

bo gole,

mme maitsiboa bo segwe,

bo omelele.

7Gonne re nyelela

ka bogale jwa gago,

re fediwa ka tshoganyetso

ka kgakalo ya gago.

8O beile melato ya rona

fa pele ga gago,

le maleo a rona a a fitlhegileng

o a beile mo leseding la sefatlhego

sa gago.

9Gonne malatsi a rona otlhe

a fetisiwa ke bogale jwa gago,

dinyaga tsa rona

di feta jaaka kgopolo.

10Bophelo jwa rona ke dinyaga

di le masome a a supang,

mme fa thata e le teng,

bo ka nna dinyaga tse di masome

a robedi;

mme se segolo sa tsona

ke tapisego le tshwenyego;

gonne bo feta ka bonako,

mme re fofela koo.

11Ke mang yo o lemogang bogolo

jwa bogale jwa gago,

le kgakalo ya gago,

ka fa poitshegong ya gago?

12Re rute go bala malatsi a rona

gore re tle re tlhalefe mo dipelong.

13Boa, Morena!

Go tla nna goleele go le kae?

O utlwele batlhanka ba gago

botlhoko.

14Re kgorise ka bopelotlhomogi

jwa gago

e sa le ka moso,

mme re tla duduetsa,

re itumela ka malatsi otlhe a rona.

15Re fe boitumelo ka malatsi

a a kana ka

a o re watlhaileng ka ona

le ka dinyaga tse di kana

ka tse re bonyeng botlhoko

mo go tsona.

16A tiro ya gago e bonalele batlhanka

ba gago,

le kgalalelo ya gago bana ba bona.

17A botsalano jwa Morena,

Modimo wa rona, bo re okame.

Tsweletsa tiro ya diatla tsa rona,

ee, tiro ya diatla tsa rona

o e tsweletse.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help