1Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.
Ke itiketsa ka Morena;
lo ka nthaya jang lo a re:
“Tshabela kwa thabeng
jaaka nonyane?
2Gonne bona,
baikepi ba gagamatsa bora,
ba beile metsu ya bone
mo thapong ya jona,
gore e re ba le mo fifing,
ba tle ba hule
ba ba dipelo di boammaaruri.
3Fa metheo e thujwa,
mosiami a ka dirang?”
4 Morena o mo Tempeleng ya gagwe
e e Boitshepo,
Morena,
yo sedulo sa gagwe sa bogosi
se leng mo legodimong.
Matlho a gagwe a bona lefatshe,
dintshi tsa matlho a gagwe
di keleka bana ba batho.
5 Morena o sekaseka mosiami
le moikepi;
mowa wa gagwe
o tlhoile yo o ratang kgatelelo.
6O tla nesetsa baikepi magala;
molelo le sebabole le ledimo
le le bolelo
ke tsona senwelo sa bona
se ba se abetsweng.
7Gonne Morena o siame,
o rata ditiro tse di siameng.
Ba nnete
ba tla bona sefatlhego sa gagwe.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
