1Pesalome ya ga Dafita.
Morena,
ke mang yo o ka tsenang
mo Tenteng ya gago?
Ke mang yo o ka nnang
mo thabeng ya gago
e e boitshepo?
2Ke ene fela yo o sepelang
a se na molato,
a dira ka tshiamo,
a bua boammaaruri ka pelo;
3yo o sa senyeng motho leina
ka loleme,
a sa direle mongwe-ka-ene bosula,
a sa kgobe wa ga gabo;
4yo molatlhegi a nyatsegang
mo matlhong a gagwe,
mme a tlotla
ba ba boifang Morena;
yo e a reng a ikanetse sengwe,
a se ke a fetoge,
le fa a ka senyegelwa;
5yo o sa adimeng madi
ka go a tsadisa,
a sa rekwe
go patika yo o se nang molato.
Yo o dirang jalo,
ga a kitla a tshikinyega ka gope.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
