LEFITIKO 5 - Setswana 1970(TSW70)

Tshupelo ya boleo

1“ ‘Fa motho a leofa, ka a utlwa go hutsiwa mosenyi yo o sa itsiweng, mme ene e le mosupi, ka a bonye molato gongwe a o lemoga, mme a sa o bege, a itsenya jalo mo molatong;

2“ ‘gongwe fa motho a ama sengwe se se sa itshekang, le fa e le setoto sa phologolo e e sa itshekang gongwe setoto sa seruiwa se se sa itshekang gongwe setoto sa segagabi se se sa itshekang, mme go mo fitlhegetse a itshekologa, a nna molato;

3“ ‘gongwe fa a ama sengwe sa itshekologo ya motho, le fa e le itshekologo efe e motho o ka itshekologang ka yona, mme go mo fitlhegetse, fela morago a lemoga, fa a le molato;

4“ ‘gongwe fa motho a ikana ka go bua fela a sa ikakanya mo go tse a reng o tla di dira tsa bosula kampo tsa molemo, le fa e le eng se motho o ka se buang ka maikano, a sa ikakanya, mme go mo fitlhegetse, fela morago a lemoga gore o molato ka sengwe sa dilo tse di ntseng jalo:

5“ ‘A e re ka a le molato ka sengwe sa dilo tseo, a a ipobole se o leofileng ka sona,

6a be a tlisetse Morena tefo ya boikwatlhao jwa gagwe ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo o bo dirileng, e bong kwana e namagadi ya letsomane gongwe podi e namagadi go nna setlhabelo sa boleo, mme a moperesiti a mo ruanye le Modimo ka ntlha ya boleo jwa gagwe.

7“ ‘Mme fa a tlhoka sefutshane, a a tlisetse Morena tefo ya boleo jwa gagwe, e bong maphoi a le mabedi gongwe maebana a le mabedi; le lengwe e nne la setlhabelo sa boleo, le lengwe e nne la setlhabelo sa phiso.

8A a a tlise kwa go moperesiti, mme ene a atametse le e leng la setlhabelo sa boleo pele, a le soke tlhogo fa molaleng, mme a se ka a e kgaola.

9A be a kgatshe madi mangwe a setlhabelo sa boleo mo lotlhakoreng lwa aletare, mme a gamolele madi a a setseng mo motheong wa aletare; ke setlhabelo sa boleo.

10Mme la bobedi a a le dire setlhabelo sa phiso ka fa molaong wa teng, mme moperesiti a mo ruanye jalo le Modimo ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo o bo dirileng; foo o tla itshwarelwa.

11“ ‘Mme fa a tlhoka maphoi a le mabedi gongwe maebana a le mabedi, a a tlise tshupelo go nna tefo ya boleo jwa gagwe, e bong karolo ya lesome ya efa ya bupe jo bo boleta go nna tshupelo ya boleo. A se ka a tshela lookwane mo go jona le e seng go baya tse di nkgang monate mo go jona; gonne ke tshupelo ya boleo.

12A a bo tlise kwa go moperesiti, mme moperesiti a bo tabole bo tletse seatla, e le jo bo fisiwang, a bo fise mo aletareng mo godimo ga ditshupelo tsa molelo tsa Morena; ke tshupelo ya boleo.

13A moperesiti a mo ruanye jalo le Modimo ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo o bo dirileng e le jwa sengwe sa dilo tseo; foo o tla itshwarelwa. Mme bupe jo bo setseng e tla nna jwa moperesiti jaaka tshupelo ya dijo.’ ”

Setlhabelo sa molato

14 Morena a ba a raya Moše a re:

15“Fa motho a dira ka boikanyologo, a leofa ntlheng ya dineo tse di boitshepo tsa Morena ka go sa itse, a a tlisetse Morena setlhabelo sa molato wa gagwe, e bong phelehu e e se nang bogole jwa letsomane, ka fa o e bonang e lekanye dišekele tsa selefera ka teng, e le dišekele tse di tletseng tsa Felo-ga-Boitshepo, go nna setlhabelo sa molato.

16Mme tse o di senyeditseng dineo tse di boitshepo a a di lefe, a be a di okeletse karolo ya botlhano ya tsona, a di neele moperesiti, mme moperesiti a mo ruanye le Modimo ka phelehu ya setlhabelo sa molato; foo o tla itshwarelwa.

17Mme fa motho a leofa, a dira sengwe sa go leofela ditaolo tsa Morena se se sa tshwanelang go dirwa a sa itse, mme a nna molato jalo, a itsenya mo molatong,

18foo a a tlise phelehu ya letsomane la gagwe e e se nang bogole kwa go moperesiti e o e bonang e lekanye tshenyo go nna setlhabelo sa molato, mme a moperesiti a mo ruanye le Modimo ka ntlha ya tshenyo ya gagwe e o e dirileng e se ka bomo a sa itse, foo o tla itshwarelwa.

19Ke sona setlhabelo sa molato; o itiretse molato mo Moreneng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help