JOBE 24 - Setswana 1970(TSW70)

1“Ke ka ntlha ya eng,

fa Mong-wa-thata-yotlhe

a itse dipaka tsa go otla,

mme ba ba mo itseng

ba sa bone malatsi a gagwe

a tshekiso?

2Ba ba bosula

ba sutisa melelwane,

ba utswa letsomane

ba a le fudisa.

3Esele ya masiela ba a e gapa,

kgomo ya motlholagadi

ba e tsaya go nna peeletso.

4Ba leleka bahumanegi

mo tseleng;

ba ba tshwereng bothata

mo lefatsheng

ba phela ka go iphitlha.

5Ke bao, ba tswela kwa tirong

ya bone jaaka diesele tsa nageng,

ba ya go sela tse di jewang

mo nageng, ba batlela bana dijo.

6Ba kotula mabele a gagwe

mo tshimong;

ba ronopa tshimo ya moweine

ya moikepi.

7Ba lala ba sa ikatega

ba se na diaparo;

le gona ga ba na kobo,

le fa go le maruru.

8Ba koloba ka dipula tsa dithaba,

mme ka ba se na botshabelo,

ba ipatika fa thoko ga mafika.

9Ba kgomodisa lesiela

letsele la mmaalo;

ba tsaya lesea la mmogisegi

go nna peeletso.

10Babogisegi bao ba tsamaya

ba sa ikatega ba se na diaparo;

ba na le go rwala dingata

ba ntse ba tshwerwe ke tlala.

11Ba tlhotlha lookwane

mo gare ga dithako

tsa bone ba ba bosula bao;

ba gata segatelo sa weine

ba ntse ba nyorilwe.

12Go fegelwa ga ba ba swang

go utlwala mo motseng;

ba ba phololeditsweng

ba goela thuso!

Mme Modimo

ga o tlhokomele tshiamololo.

13Bone ba ba bosula

bao ba tshaba lesedi;

ga ba itse ditsela tsa lone;

ga ba phele mo ditselaneng

tsa lone.

14Mmolai o tsoga pele ga masa,

o bolaya mmogisegi

le mohumanegi,

mme o tshwana le legodu bosigo.

15Leitlho la mosenya-nyalo

le letela lotlatlana, a re:

‘Ga go na leitlho

le le tla mponang;’

a ipipe sefatlhego ka lesela.

16Legodu le thuba matlo mo fifing

le tsene;

motshegare ba a itswalela.

Lesedi ga ba le tlhaloganye.

17Gonne botlhe bao

lefifi le lentsho ba le kaya moso;

gonne ba tlwaetse dipoitshego

tsa lefifi le le kwenneng.

18A moikepi a fele ka pele

jaaka selo fa se tsewa ke metsi!

A tshimo ya gagwe

e rogakwe mo lefatsheng!

A a se ka a tlhola a ya

kwa masimong a moweine!

19A komelelo le bolelo

di tlose metsi a semathana!

A felo ga baswi

go metse ba ba leofileng.

20A mmaagwe moikepi

a mo lebale!

A a natefele diboko!

A a se ka a tlhola

a gopolwa ke ope!

A tshiamololo e robiwe

jaaka logong!

21Ke raya yo o neng a direla

mosadi wa moopa bosula,

a sa direle motlholagadi molemo.

22Mme Modimo o naya beng

ba thata bophelo jo boleele

ka thata ya ona;

le yo o neng a tlhobogile bophelo

jwa gagwe o tsoga gape.

23Modimo o mo neela thagamo,

a ba a ikaege ka yona;

mme matlho a ona a tlhokomela

ditsela tsa beng ba thata.

24Ba gola ba tumile,

ba tlhokafala ka sebakanyana;

ba namalala, ba swa jaaka botlhe,

jaaka diako di kgaolwa.

25A ga go a nna jalo?

Ke mang yo o ka reng,

ke buile maaka?

Ke mang yo o ka nyatsang

mafoko a me a re, ga se a sepe?”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help