DOITERONOMIO 7 - Setswana 1970(TSW70)

Baiseraele ke morafe wa Morena

(Ekes. 34:11-16)

1“E re fa Morena, Modimo wa gago, a go fitlhisa kwa lefatsheng le o tla yang kwa go lone go le rua, mogang a lelekang ditšhaba tse dikgolo fa pele ga gago, e bong Bahethe le Bagiregasi le Baamori le Bakanana le Baferesi le Bahewi le Bajebusi, ditšhaba tse dikgolo di supa tse di thata bogolo go wena,

2mme Morena, Modimo wa gago, a di go neela gore o di fenye, foo o di bolae gotlhe di hutsitswe ke Modimo, mme o se ka wa dira kgolagano natso le e seng go di utlwela botlhoko.

3Le gona lo se ka lwa nyalana nabo: Bomorwadia-lona lo se ka lwa ba neela bomorwa-bone; le gona bomorwadia-bone lo se ka lwa ba tseisa bomorwa-lona.

4Gonne ba ka ikepisa bomorwa-lona mo go nna gore ba direle medimo e sele, mme bogale jwa Morena bo ka lo tukela, a lo nyeletsa ka pele.

5Mme lo ba direle jaana: Senyang dialetare tsa bone, lo thubaganye majwe a a motloutlo a bone, lo remaganye medimako ya Ašera ya bone, lo fise medimo ya diseto ya bone ka molelo.

6Gonne lo morafe o o itshepetseng Morena, Modimo wa lona. Morena, Modimo wa lona, o lo tlhophile go nna morafe wa gagwe o a o ruileng, a o tlhaotse mo merafeng yotlhe e e mo lefatsheng.

7“Fa Morena a lo ratile, a lo tlhopha, ga se ka gonne lo feta merafe yotlhe ka bontsi – kana lo morafe o monnyennye mo merafeng yotlhe –

8mme Morena o ne a lo hudutsha ka letsogo le le tiileng, a lo golola mo ntlong ya botlhanka mo seatleng sa ga Farao kgosi ya Egepeto, ka Morena a lo ratile, a tlhokomela maikano a o neng a a ikanetse borraalona.

9Lemoga he, fa Morena, Modimo wa gago, e le ona Modimo wa nnete, ona Modimo o o ikanyegang; ba ba o ratang, ba tlhokomela ditaolo tsa ona, o ba bolokela kgolagano le bopelotlhomogi go ya losikeng lwa sekete.

10Mme ba ba o tlhoileng o tla ba busolosa, o ba tlhamalaleditse ka go ba isa tatlhegong; ga o kitla o diegela yo o o tlhoileng, o tla mmusolosa, o mo tlhamalaleditse.

11Tlhokomela he taelo le melao le ditshwanelo tse ke di go laelang kajeno gore o dire ka tsona.

Ba ba utlwang ba tla tshegofadiwa(Doit. 28:1-14)

12“E re ka lo tla reetsa ditshwanelo tseo, lo di tlhokomela, lo dira ka tsona, Morena, Modimo wa lona, o tla lo bolokela kgolagano le bopelotlhomogi tse a di ikanetseng borraalona.

13O tla go rata, a go tshegofatsa, a go atisa; a ba a tshegofatsa leungo la mmele wa gago le leungo la masimo a gago, e bong mabele a gago le matute a moweine a gago le lookwane lwa gago le dinamane tsa dikgomo tsa gago le dikwana le dipotsane tsa difutshane tsa gago mo lefatsheng le a le ikanetseng borraeno go le go naya.

14O tla bo o tshegofaditswe bogolo go merafe yotlhe. Ga go kitla go nna le moopa mo go wena wa monna gongwe wa mosadi, le e seng moreba mo diruiweng tsa gago.

15Morena o tla tlosa bolwetse bongwe le bongwe mo go wena. Ga a kitla a go bolaya ka malwetse ape a Egepeto a a botlhoko a o a itseng, mme o tla a bolaisa botlhe ba ba go tlhoileng.

16O tla nyeletsa merafe yotlhe e Morena, Modimo wa gago, o tla e go neelang. A leitlho la gago le se ka la ba rekegela. O se ka wa direla medimo ya bone; gonne moo e ka nna seru mo go wena.

17“Fa o ka akanya mo pelong ya gago o a re: ‘Ditšhaba tse, di dikgolo go mpheta; nka kgona jang go di leleka? ’

18Se di boife, mme o nne o gopole tse Morena, Modimo wa gago, a di diretseng Farao le Baegepeto botlhe

19le diteko tse dikgolo tse matlho a gago a di bonyeng le ditshupo le dikgakgamatso le seatla se se tiileng le letsogo le le otlologileng, tseo Morena, Modimo wa gago, a go hudusitseng ka tsona. Morena, Modimo wa gago, o tla direla merafe yotlhe jalo e o e boifang.

20Le gona Morena, Modimo wa gago, o tla ba romela mefukgomo go tsamaya ba ba setseng ba ba iphitlhileng fa pele ga gago ba be ba nyelele.

21O se ka wa ba tshoga; gonne Morena, Modimo wa gago, o na nao e le Modimo o mogolo o o boitshegang.

22Morena, Modimo wa gago, o tla leleka ditšhaba tseo fa pele ga gago a iketlile; ga lo ka ke lwa di fedisa ka pele, e se re gongwe dibata tsa naga tsa lo atela.

23Morena, Modimo wa gago, o tla di go neela, a di tseanya ka tseanyo e kgolo go tsamaya di be di nyelediwe.

24O tla neela dikgosi tsa tsona mo seatleng sa gago gore o nyeletse maina a tsona fa tlase ga letsatsi; ga go na ope yo o tla itseng go emelana nao go tsamaya o be o ba nyeletse.

25Ditshwantsho tsa medimo ya diseto ya bone o di fise ka molelo. Se eletse selefera gongwe gouta tse di mo go tsona le e seng go di itseela, e se re gongwe wa raelwa ka tsona; gonne ke maila mo Moreneng, Modimo wa gago.

26O se ka wa tsenya maila ao mo ntlong ya gago, wa tloga wa nna yo o hutsitsweng ke Modimo jaaka tsona; o di kae maila, di go tene tota, gonne di hutsitswe ke Modimo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help