GENESI 48 - Setswana 1970(TSW70)

Jakobe o tshegofatsa Eferaime le Manase

1E rile morago ga dilo tseo Josefa a begelwa ga twe: “Rraago o a lwala.” A tsaya bomorwawe ba babedi, Manase le Eferaime a ya nabo kwa go Jakobe.

2Jaanong Jakobe a bolelelwa ga twe: “Josefa morwao o e tla.” Iseraele a itsetsepela a nna mo bolaong.

3Jakobe a raya Josefa a re: “Modimo Mothatayotlhe o kile wa iponatsa mo go nna kwa Luse mo lefatsheng la Kanana, wa ntshegofatsa,

4wa nthaya wa re: ‘Bona, ke tla go atisa, ke go ntsifatsa, ke go dira bontsi jwa merafe; ke tla naya ba losika lwa gago lefatshe le sehularong sa gago go nna boswa jo bo sa khutleng.’

5“Jaanong he, bomorwao ba babedi ba o ba tsaletsweng mo lefatsheng la Egepeto ke ise ke tle kwano go wena mono Egepeto, ke ba me. Eferaime le Manase e tla nna ba me, fela jaaka Rubene le Simeone.

6Mme bana ba o ba tsetseng morago ga bone, e tla nna ba gago. Ba tla bidiwa ka maina a bomogoloa-bone mo bosweng jwa bone.

7Nna e rile ke boa kwa Phatane, Ragele mmaago a swa ke na nae mo tseleng mo lefatsheng la Kanana, go sa ntse go le sebakanyana sa go fitlha kwa Eferatha; ka mo fitlha gona fa tseleng e e yang kwa Eferatha mo e leng Betleheme.”

8Jaanong ya re Iseraele a bona bomorwa Josefa, a botsa a re: “Ke bomang ba?”

9Josefa a araba rraagwe a re: “Ke bomorwaake ba Modimo o ba mphileng mono.” Jakobe a re: “A ko o ba tlise kwano go nna gore ke ba tshegofatse.”

10Mme matlho a ga Iseraele a ne a fifetse ka tsofalo, a sa kgone go bona sentle. Jaanong ya re Josefa a sena go ba atametsa kwa go ene, a ba atla, a ba tlamparela.

11Iseraele a raya Josefa a re: “Ke ne ke setse ke tlhobogile go ka bona sefatlhego sa gago, mme jaana Modimo o bile o mpontshitse le bana ba gago.”

12Ke fa Josefa a ba tlosa mo mangoleng a gagwe, a inamela fa fatshe ka sefatlhego fa pele ga gagwe.

13Josefa a ba a ba tsaya ka bobedi jwa bone, a tsaya Eferaime ka letsogo le le jang, a mo lebanya le la molema la ga Iseraele, a tsaya Manase ka la molema, a mo lebanya le le le jang la ga Iseraele. A ba atametsa jalo kwa go ene.

14Mme Iseraele a ntsha letsogo le le jang, a le baya mo tlhogong ya ga Eferaime, le fa e ne e le yo mmotlana; la molema a le baya mo tlhogong ya ga Manase, a fapaanya mabogo a gagwe jalo. Kana motsalwapele e ne e le Manase.

15A tshegofatsa Josefa a re:

“Modimo o borre Aborahame le Isaka ba sepetseng fa pele ga ona; Modimo o e neng e le Modisa wa me mo bophelong jotlhe jwa me go fitlhelela letsatsing leno;

16moengele yo o nkgolotseng mo masuleng otlhe, a a tshegofatse basimane ba! A leina la me le maina a borre, e bong Aborahame le Isaka, a tume ka bone; a ba ate, ba nne bantsi thata mo lefatsheng.”

17Ya re Josefa a bona rraagwe a beile letsogo le le jang mo tlhogong ya ga Eferaime, a se ka a itumela, a tshwara letsogo la ga rraagwe, a re o le tlosa mo tlhogong ya ga Eferaime go le baya mo tlhogong ya ga Manase.

18A raya rraagwe a re: “E seng jalo, rra. Gonne motsalwapele ke yo. Baya letsogo le le jang mo tlhogong ya gagwe.”

19Mme rraagwe a gana a re: “Ke a itse, morwaaka, ke a itse! Le ene o tla nna morafe; le ene o tla nna mogolo. Mme monnawe o tla mo feta ka bogolo; bana ba gagwe e tla nna bontsi jwa ditšhaba.”

20A ba tshegofatsa jalo ka letsatsi leo a re: “Baiseraele ba tla tshegofatsa ka lona ba re: ‘A Modimo o go dire jaaka Eferaime le Manase!’ ” A re jalo, a dira Eferaime mogolo mo go Manase.

21Iseraele a ba a raya Josefa a re: “Bona, ke a swa, mme Modimo o tla nna le lona, o lo busetsa kwa lefatsheng la borraeno.

22Nna ke go naya naga ya dithabana go feta bomorwa-rraago ka yona; ke e ke e gapileng mo go Baamori ka tšhaka ya me le bora.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help