DIPESALEME 33 - Setswana 1970(TSW70)

Sefela sa go opelela Mong-wa-thata-yotlhe. Bopelontle jwa Modimo le boitshwarelo jwa ona

1Lona basiami,

dudueletsang Morena,

sefela sa pako

se tshwanetse batlhamaladi.

2Bakang Morena ka kitara,

lo mo opelele ka harepa

e e dithapo di le some.

3Mo opeleleng sefela se sešwa,

letsang sentle ka tumo e kgolo;

4gonne lefoko la Morena ke nnete,

le go dira gotlhe ga gagwe

go a ikanyega.

5O rata tshiamo le molao;

lefatshe lotlhe le tletse

bopelotlhomogi jwa Morena.

6Magodimo a dirilwe

ka lefoko la Morena,

le lesomo lotlhe la ona

ka mowa wa molomo wa gagwe.

7O kgobokanya metsi a lewatle

e kete mo lekukeng,

o tsenya merwalela mo difaleng.

8A lefatshe lotlhe le boife Morena,

a botlhe ba ba agileng

mo lefatsheng

ba rorome fa pele ga gagwe.

9Gonne o buile, mme ga direga;

a laola, ga ba ga nna teng.

10 Morena o nyeleditse

kgakololo ya ditšhaba,

a senya maano a merafe.

11Kgakololo ya Morena

e tlhomame ka bosakhutleng,

le maano a pelo ya gagwe

go ya tshikatshikeng.

12Go sego morafe

o Morena e leng Modimo wa ona,

batho ba a ba itlhaoletseng

go nna boswa jwa gagwe.

13 Morena o leba

a le mo legodimong,

o bona bana ba batho botlhe;

14a le mo felong ga boago jwa gagwe,

o lebile botlhe

ba ba agileng mo lefatsheng;

15ena yo o bopileng

dipelo tsa bona botlhe,

yo o tlhokometseng

ditiro tsotlhe tsa bona.

16Kgosi ga e fenye

ka mophato o mogolo;

mogale ga a pholosiwe

ka thata e kgolo.

17Pitse ga e ikanyege

go ka isa phenyong;

ga e ka ke ya pholosa ope

ka thata e kgolo ya yona.

18Bonang, leitlho la Morena

le lebile bona ba ba mmoifang,

bona ba ba lebeletseng

bopelontle jwa gagwe,

19gore a pholose maphelo a bone

mo losong,

le go ba phedisa,

fa ba le mo tlaleng.

20Mewa ya rona e lebeletse Morena;

ke ena thuso ya rona

le thebe ya rona.

21Gonne dipelo tsa rona

di itumela mo go ena,

ka re ikanya leina

le le boitshepo la gagwe.

22 Morena, a bopelontle jwa gago

bo nne mo go rona,

fela ka fa re go lebeletseng ka teng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help