JESAYA 49 - Setswana 1970(TSW70)

Motlhanka wa Morena

ke lesedi la merafe

1Nkutlweng, lona

ditlhakatlhake, reetsang,

lona merafe kwa kgakala!

Morena o mpiditse

go tloga botsalong,

a bolela leina la me,

mmê a ise a mpelege.

2A dira molomo wa me

jaaka tšhaka e e bogale,

a mphitlha mo moriting

wa seatla sa gagwe;

a ntira motsu

o o tlhokotsegileng,

a mphitlha

mo mokotlopong wa gagwe.

3A nthaya a re:

“O motlhanka wa me,

Iseraele, yo ke ikgalaletsang

ka wena.”

4Mme nna ka re:

“Ke itapiseditse lefela,

ka fedisetsa thata ya me

boithamako fela.

Mme ruri tshiamelo ya me

e mo Moreneng,

tuelo ya me

e mo Modimong wa me.”

5Mme jaanong go bua Morena

yo o ntirileng motlhanka

wa gagwe go tloga botsalong

gore ke busetse Jakobe

kwa go ene,

mme Iseraele

a phuthegele kwa go ene –

Ee, ke a tlotlega

mo matlhong a Morena,

mme Modimo wa me

e ne ya nna thata ya me –

6a re:

“Ga go lekane,

fa o le motlhanka wa me

go tsosa ditso tsa ga Jakobe

le go busa ba ba bolokilweng

ba Iseraele;

le gona ke go dirile lesedi

la baheitane gore o nne pholoso

ya me go fitlha kwa bokhutlong

jwa lefatshe.”

7 Morena, Mogolodi wa Iseraele,

Moitshepi wa gagwe,

o bua jaana

le yo o nyatsegang thata,

yo e leng maila

mo setšhabeng,

yo e leng motlhanka

wa barena ba ba setlhogo,

a re:

“Dikgosi le dikgosana

di tla bona,

di nanoga, di obamela

ka ntlha ya

Morena yo o ikanyegang

le ka ntlha ya Moitshepi

wa Iseraele

yo o go itlhaoletseng.”

Jerusalema o tla tsosiwa

8 Morena o bua jaana a re:

“Ke go utlwile mo sebakeng

sa bopelotlhomogi

ka go thusa ka letsatsi

la pholoso;

ka go boloka, ka go dira

kgolagano ya morafe

le Modimo,

go tsosa lefatshe

le go aba boswa

jo bo senyegileng,

9le go raya bagolegwi:

‘Tswayang!’

le go raya ba ba mo lefifing:

‘Tswelang mo leseding!’

Ba tla fudisa

fa thoko ga ditsela tsotlhe.

Mafulo a bone

a mo mebotong

yotlhe e e iphotlhereng.

10Ga ba kitla ba tshwarwa

ke tlala le e seng

go bolawa ke lenyora.

Ga ba nke ba tlhajwa

ke letsatsi,

le fa e le bolelo jwa sekaka.

Gonne yo o ba utlwelang

botlhoko

o tla ba etelela pele,

a ba isa kwa metsweding

ya metsi.

11Dithaba tsotlhe tsa me

ke tla di dira tsela.

Ditsela tse dikgolo tsa me

di tla bo di katilwe ka mmu.

12Bonang,

bao ba tswa kwa kgakala;

bonang,

bale ba tswa kwa bokone

le kwa bophirimatsatsi,

mme bano mo lefatsheng

la Basini.”

13Ipeleng, lona magodimo!

Itumele, wena lefatshe!

Tlhabang mokgosi

wa tuduetso, lona dithaba,

gonne Morena o gomoditse

morafe wa gagwe,

a tlhomogela babogisegi

ba gagwe pelo.

14Mme Sione a re:

“Morena o ntlogetse.

Morena o ntebetse.”

15“A mosadi a ka lebala

lesea la gagwe,

a sa utlwele morwa mmele

wa gagwe botlhoko?

Le fa ene a ka mo lebala,

nna ga nkitla ke go lebala.

16Bona, ke tshwaile leina

la gago mo diatleng tsa me;

dipota tsa gago

di fa pele ga me ka gale.

17“Ba ba go agang

ba a itlhaganela;

ba ba go rutlileng

ba go senya,

ba a go tlogela.

18Tsholetsa matlho o lebe

mo ntlheng tsotlhe:

Ba phuthegile botlhe,

ba tla kwa go wena.”

Morena a re:

“Ka bophelo jwa me!

Ò tla ba apara botlhe

jaaka mokgabo;

ò itlama ka bone

jaaka monyalwa.

19“Gonne marope a gago

le metse ya gago e e senya

le lefatshe la gago

le le sentsweng –

ee, jaanong

le tla bo le sa lekane baagi.

Mme ba ba go senyeditseng

ba ile kwa kgakala.

20Ee, bana ba gago

ba o neng o ba thukhuthilwe

ba tla bua gape

mo ditsebeng tsa gago ba re:

‘Manno a me a pitlaganye.

A nkokeletse

gore ke bone bonno.’

21O tla akanya mo pelong o re:

‘Ke mang

yo o ntsaletseng bana ba?

Kana ke ne ke se na bana,

ke le moopa;

ke le mo botshwarong,

ka lelekiwa.

Ke mang yo o ba godisitseng?

Bonang,

ke ne ke setse ke le nosi fela.

Ba ne ba le kae bone ba?’ ”

22Morena Modimo o bua jaana

a re: “Bonang,

ke tla gwetlha ditšhaba

ka letsogo,

ke tlhomela merafe sefoka

sa me kwa godimo.

Foo ba tla tlisa bomorwao

ba ba tshotse ka mabogo;

bomorwadio ba tla sikarwa

ka magetla.

23Mme dikgosi

e tla nna batlamedi ba gago;

bahumagadi ba tsona

e tla nna baamusi ba gago.

Ba tla go obamela ba inametse

ka difatlhego fa fatshe,

ba latswa lerole

la dinao tsa gago.

Foo o tla itse gore

ke nna Morena!

Le gore ba ba ntebelelang

ga ba tlhajwe ke ditlhong.”

24A senatla se ka amogiwa

thopo?

Gongwe a batshwarwi

ba morena

yo o peloethata ba ka falola?

25Ee, Morena o bua jaana a re:

“Senatla le sona

se tla amogiwa batshwarwi;

thopo ya morena

yo o peloethata

le yona e tla falola.

Ke nna yo ke tla lwang

le yo o lwang nao;

ke nna yo ke pholosang

bana ba gago.

26Ba ba go gatelelang

ke tla ba jesa

nama ya mebele ya bone;

ba tla tagwa ke madi a bone

jaaka ke weine a ntšhwa.

Mme batho botlhe ba tla itse

gore ke nna Morena,

Mopholosi wa gago;

le gore Mogolodi wa gago

ke Senatla sa ga Jakobe.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help