TSHENOLO 5 - Setswana 1970(TSW70)

Lokwalo lo lo kannweng ka dikano tse di supang.Ke Kwana fela e e nang le tshwanelo ya go lo kanolola

1Jaanong ka bona lokwalo mo letsogong le le jang la yo o ntseng mo sedulong, lo kwadilwe ka fa teng le ka fa ntle, lo kannwe ka dikano tse supa.

2Ka ba ka bona moengele yo o thata, a buela kwa godimo a re: “Ke mang yo o nang le tshwanelo ya go bula lokwalo le go kanolola dikano tsa lone?”

3Mme ga bo go se ope mo legodimong le mo lefatsheng le kwa tlase ga lefatshe yo o nonofileng go ka bula lokwalo, le fa e le go ka leba mo go lone.

4Jaanong ka lela thata, ka go sa fitlhelwe ope yo o nang le tshwanelo ya go ka bula lokwalo, le fa e le go leba mo go lone.

5Mme mongwe wa bagolo a nthaya a re: “Se lele; bona, Tau e e leng ya lotso lwa Juta, Modi wa ga Dafita, o fentse gore a bule lokwalo le go kanolola dikano di supa tsa lone.”

6Jaanong fa gare, fa pele ga sedulo le diphedi tse nne le mo gare ga bagolo ka bona Kwana e eme, e kete e tlhabilwe, e na le dinaka di supa le matlho a supa a e leng Mewa e supa ya Modimo, e e rometsweng kwa lefatsheng lotlhe.

7Yona ya tla, ya tsaya lokwalo mo letsogong le le jang la yo o ntseng mo sedulong.

8Ya re e tsaya lokwalo, diphedi tse nne le bagolo ba ba 24 ba wela fa pele ga Kwana, mongwe le mongwe a tshotse harepa le megotšwana ya gouta e tletse maswalo a e leng merapelo ya baitshepi.

9Ba opela sefela se sešwa ba re:

“Go go tshwanetse go tsaya

lokwalo le go kanolola

dikano tsa lone,

ka o tlhabilwe;

mme batho ba ditso tsotlhe

le ba dipuo tsotlhe

le ba ditšhaba tsotlhe

le ba merafe yotlhe

wa ba rekololela

Modimo ka madi a gago,

10wa ba dira dikgosi le baperesiti ba

Modimo wa rona ba ba tla

busang mo lefatsheng.”

11Jaanong ka bona, ka ba ka utlwa mantswe a baengele ba le bantsi tikologong ya sedulo le ya diphedi le ya bagolo; palo ya bone e ne e le 10 000 ga 10 000 le dikete ga dikete,

12ba bua ka lentswe le legolo ba re:

“Kwana e e tlhabilweng

e na le tshwanelo

ya go tshola thata le khumo

le botlhale le nonofo le tlotlo

le kgalalelo le poko.”

13Jaanong ka utlwa sebopiwa sengwe le sengwe se se mo legodimong le mo lefatsheng le kwa tlase ga lefatshe le mo lewatleng le tsotlhe tse di mo go tsona di re:

“A poko le tlotlo le kgalalelo

le puso e nne tsa yo o ntseng

mo sedulong le tsa Kwana

go ya bosakhutleng!”

14Diphedi tse nne tsa re: “Amen;” bagolo ba wela fa fatshe, ba obamela yo o phelang go ya bosakhutleng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help