DIPESALEME 82 - Setswana 1970(TSW70)

Moatlhodi yo mogolo le baatlhodi ba tshiamololo

1Pesalome ya ga Asafe.

Modimo o eme

mo phuthegong ya medimo;

o atlhola fa gare ga medimo.

2Lo tla atlhola ka tshiamololo

goleele go le kae,

lo ntse lo gobelelela baikepi? Sela.

3Siamisetsang ba babotlana

le dikhutsana;

nayang batlalelwi le batlhoki

se se ba tshwanetseng.

4Pholosang ba babotlana

le bahumanegi;

lo ba golole mo diatleng

tsa baikepi.

5Medimo eo ga e na temogo,

ga e na tlhaloganyo;

e kgarakgatshega mo lefifing;

metheo yotlhe ya lefatshe

e a tshikinyega.

6Nna ka nosi ke rile, lo medimo;

mme lotlhe lo bomorwa

Mogodimodimo.

7Mme ruri, lo tla swa jaaka batho,

lo tla wa jaaka mongwe wa ditona.

8Tloga o eme, Modimo,

o atlhole lefatshe;

gonne o tla rua ditšhaba tsotlhe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help