1Ya baa gona Jesu a gogelwang ke Mowa kwa sekakeng gore a raelwe ke Diabolo.
2E rile a sena go itima dijo malatsi a le 40 le masigo a le 40, a tshwarwa ke tlala.
3Jaanong moraedi a tla, a mo raya a re: “Fa o le Morwa Modimo, bua gore majwe a, a fetoge dinkgwe.”
4Ene a fetola a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a nke a phela ka senkgwe fela; o phela ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Modimo.’ ”
5Jaanong Diabolo a mo isa kwa motseng o o boitshepo, a mmaya mo setlhoeng sa Tempele,
6a mo raya a re: “Fa ò le Morwa Modimo, itatlhele kwa tlase; gonne go kwadilwe ga twe:
“ ‘O tla laela baengele ba gagwe
ka ga gago;
ba tla go kuka ka diatla,
e se re gongwe dinao tsa gago
tsa kgopiwa ke lentswe.’ ”
7Jesu a mo fetola a re: “E bile go kwadilwe ga twe: ‘O se ka wa leka Morena, Modimo wa gago!’ ”
8Gape, Diabolo a mo isa kwa thabeng e e goletseng kwa godimo thata, a mmontsha magosi otlhe a lefatshe le bontle jwa ona,
9a mo raya a re: “Tsotlhe tse ke tla di go naya, fa o ka wela fa fatshe, wa nkobamela.”
10Jesu a mo fetola a re: “Ntlogela, Satane! Gonne go kwadilwe ga twe: ‘O tshwanetse go obamela Morena, Modimo wa gago le go direla ene a le esi fela.’ ”
11Ke fa Diabolo a mo tlogela; mme baengele ba tla, ba mo direla.
Jesu o simolola tiro(Mar. 1:14,15; Luka 4:14,15)12E rile a utlwa gore Johane o golegilwe, a ngwegela kwa Galelea.
13A huduga kwa Nasaretha, a ya go nna kwa Kaperenaume yo o fa letsheng mo nageng ya Sebulone le Nafetale,
14gore go dirafale se se builweng ke moporofeti Jesaya a re:
15“Lefatshe la Sebulone
le lefatshe la Nafetale,
ntlheng ya letsha,
moseja wa Joretane,
Galelea wa Baditšhaba,
16morafe o o ntseng mo lefifing
o bonye lesedi le legolo;
ba ba dutseng
mo lefatsheng la loso
le mo moriting wa loso,
lesedi le ba tlhabetse.”
17Go tloga foo Jesu a simolola go rera a re: “Tlhabologang; gonne puso ya magodimo e atametse!”
Barutwa ba ntlha(Mar. 1:16-20; Luka 5:1-11)18Ya re a tsamaya fa letsheng la Galelea, a bona bana ba motho ba le babedi, e bong Simone yo o bidiwang Petoro le Andrea morwa-rraagwe, ba digela letloa mo letsheng; gonne e ne e le batshwari ba ditlhapi.
19A ba raya a re: “Ntshalang morago, mme ke tla lo dira batshwari ba batho.”
20Jaanong ba akofa ba tlogela matloa, ba mo sala morago.
21Ya re a fetela pele go tswa foo, a bona bana ba motho ba bangwe ba le babedi, e bong Jakobo, morwa Sebeteo, le Johane monnawe, ba na le Sebeteo rraabo mo mokorong, ba baakanya matloa a bone; a ba bitsa.
22Ba akofa ba tlogela mokoro le rraabo, ba mo sala morago.
23Jaanong Jesu a tsamaya le Galelea yotlhe, a ntse a ruta mo disenagogeng tsa bone a rera Efangele ya puso, a fodisa malwetse otlhe le makoa otlhe mo bathong.
24Tumo ya gagwe ya tswela kwa Siria yotlhe. Batho ba isa go ene botlhe ba ba lwalang, ba ba tshwerweng ke malwetse a mefutafuta le matlhoko, le ba ba tsenyweng ke medemone, le ba ba karalalang, le ba ba suleng mefama, a ba fodisa.
25Bontsintsi jwa mo latela, bo tswa kwa Galelea le Dekapoli le Jerusalema le Jutea le kwa moseja ga Joretane.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.