1 JOHANE 1 - Setswana 1970(TSW70)

Lefoko le bonetse mo nameng

1Re lo anegela se se neng se le teng go tloga tshimologong, se re se utlwileng, se re se bonyeng ka matlho a rona, se re se lebileng, se diatla tsa rona di se fophotseng, e bong sa Lefoko la botshelo –

2mme botshelo bo bonetse, re bile re bo bonye; re a supa, re lo begela botshelo jo bo sa khutleng, jo bo neng bo le fa go Rara, mme bo re bonatsegetse. –

3Se re se bonyeng, ra se utlwa, le lona re a se lo rerela gore le lona lo nne le kopano le rona; mme kana kabelano ya rona ke ya go kopana le Rara le Jesu Keresete Morwawe.

4Dilo tse re di lo kwalela gore boitumelo jwa lona e nne jo bo tletseng.

Modimo ke lesedi. Ba ba sa tsamaeng mo leseding ga ba na kopano nao

5Molaetsa o re o utlwileng mo go ene, o e bileng re o lo begela ke wa go re: Modimo ke lesedi, mme ga go na lefifi lepe mo go ona.

6Fa re re, re na le kopano le ona, mme re tsamaya mo lefifing, re a aka, ga re dire boammaaruri.

7Mme fa re tsamaya mo leseding jaaka ona o le mo leseding, re na le kopano mongwe le yo mongwe, e bile madi a ga Jesu Keresete, Morwaa-ona, a re itshekisa boleo jotlhe.

Ka ga boipobolo jwa maleo le boitshwarelo jwa Morena

8Fa re re, ga re na boleo, re a itsietsa, mme boammaaruri ga bo yo mo go rona,

9mme fa re ipobola maleo a rona, ona o boikanyo le tshiamo go re itshwarela maleo le go re itshekisa tshiamololo yotlhe.

10Fa re re, ga re a leofa, re o dira moaki, mme Lefoko la ona ga le yo mo go rona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help