BAATLHODI 17 - Setswana 1970(TSW70)

Medimo ya diseto ya ga Miga

1Go ne go le monna kwa dithabeng tsa Eferaime yo leina la gagwe e leng Miga.

2Ene a raya mmaagwe a re: “Mma, diselefera di le 1 100 tse di utswilweng mo go wena, bona, diselefera tseo di mo go nna. Ke nna ke di tsereng. Kana o hutsitse khutso ka ntlha ya tsona; le gona o e buile mo ditsebeng tsa me.” Ke fa mmaagwe a re: “A morwaake a tshegofadiwe ke Morena!”

3A busetsa mmaagwe diselefera di le 1 100 jalo, mme mmaagwe a re: “Diselefera tseo ke di tlhaoletse Morena, ke di ntsha ka ntlha ya ga morwaake go dira modimo wa seseto le o o bopilweng. Mme jaanong ke rata go di go busetsa.”

4Mme a busetsa mmaagwe diselefera tseo; mmaagwe a tsaya diselefera di le 200, a di neela mothudi; ene a dira modimo wa seseto le o o bopilweng ka tsona; wa ba wa nna mo ntlong ya ga Miga.

5Miga, monna yoo o ne a na le tempelana ya medimo, a dira khiba ya boperesiti le medimo ya lelapa, a dira mongwe wa bomorwawe moperesiti, a nna moperesiti wa gagwe.

6Ka sebaka seo go ne go se na kgosi mo Iseraeleng; mongwe le mongwe a dira tse di kgatlhang matlho a gagwe.

7Jaanong go ne ga tla lekau le tswa kwa Betleheme wa Juta kwa losikeng lwa Juta. E ne le Molefi, a tlile teng go jaka.

8Monna yoo o ne a tlogile kwa Betleheme motseng wa Juta, a ile go jaka fa a ka bonang tiro teng. Jaanong a fitlha kwa dithabeng tsa Eferaime kwa ntlong ya ga Miga a le mo tseleng.

9Miga a mmotsa a re: “O tswa kae?” A mo araba a re: “Ke Molefi wa Betleheme wa Juta. Ke mo tseleng go jaka fa nka bonang tiro teng.”

10Miga a mo raya a re: “Nna le nna, o nne rre le moperesiti wa me; ke tla go naya diselefera di le some ka ngwaga le diaparo le dijo.” Mme ya re a emelela Molefi,

11a dumela go nna le monna yoo; lekau leo la nna mo go ene jaaka mongwe wa bomorwawe.

12Mme Miga a tsenya Molefi mo tirong; lekau leo la nna moperesiti wa gagwe, la nna mo ntlong ya ga Miga.

13Ke fa Miga a re: “Jaanong ke a itse gore Morena o tla ntirela molemo; gonne ke na le moperesiti wa Molefi.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help