HESEKIELE 4 - Setswana 1970(TSW70)

Hesekiele o tshwantsha Jerusalema yo o dikanyediwang ka ntwa

1“Wena morwa-motho, tsaya seekana se se sematla, o se bee fa pele ga gago, o bope setshwantsho sa motse wa Jerusalema mo go sona.

2Ò o tshwantshe o dikanyeditswe ke ntwa, ò age kago ya go o tlhola, ò kgobokanyetse mmu fa loboteng wa go tsena mo go ona o o tlhomele mathibelelo a batlhabani, ò o emisetse dithuba-lobota mo tikologong.

3Le gona tsaya tshipi e e papetla, ò e dire lobota lwa tshipi fa gare ga gago le motse, ò lebise sefatlhego sa gago kwa go ona ka bogale gore o dikanyediwe ka ntwa; ee, ò o dikanyetse ka ntwa. A seo e nne sesupo mo Baiseraeleng.

4“Gape rapama ka lotlhakore lwa gago lwa molema, ò bee molato wa Baiseraele mo go lone; ò rwale molato wa bone ka malatsi otlhe a ka ona ò rapameng ka lone.

5Dinyaga tsa petso ya molato wa bone ke tla di go fetolela malatsi a a kana ka tsona, e bong a le 390, a ò tla rwalang molato wa Baiseraele ka ona.

6E re fa ò sena go fetsa malatsi ao, ò rapame gape, mme e le ka lotlhakore lwa gago lo lo jang, ò rwale molato wa Bajuta ka malatsi a le 40. Le foo letsatsi lengwe le lengwe le supa ngwaga.

7“Mme sefatlhego sa gago o se lebise kwa ntweng e e dikanyetsang motse wa Jerusalema, o apotse letsogo, ò o bolelele petso ya ona e sa le kwa pele.

8Bona, ke tla go golega ka dikgole gore ò palelwe ke go iphetola go tsamaya ò fetse malatsi a pitlagano ya gago.

9“Wena tsaya korong le garase le dinawa le lotlhodi le mabele le lebelebele, o di tshele mo mogopong o le mongwe, o itirele dijo ka tsona gore ò di je ka malatsi otlhe a ò tla bong ò rapame ka lotlhakore ka ona, e bong malatsi a le 390.

10Dijo tsa gago tse ò tla di jang, a di lekanngwe, e nne tse di ka tlalang magofi a mabedi ka letsatsi; ò di je ka dinako tsa tsona.

11Le metsi ò a nwe ka selekanyo, e bong digo tse pedi, ò a nwe ka dinako tsa ona.

12O je dinkgwe tsa garase tse ò di besang ka dibi tsa mantle a motho fa pele ga matlho a bone.”

13Gape Morena a re: “Baiseraele ba tla ja dijo tsa bone jalo, di itshekologile, ba le mo ditšhabeng kwa ka tla ba lelekelang gona.”

14Mme nna ka re: “Ao, Morena Modimo! Bona, ga ke ise ke itshekologe ka gope; ga ke ise ke je se se suleng gongwe se se gagotsweng ke dibata go tswa bonyaneng jwa me go fitlhelela kajeno; nama e e bodileng ga e ise e tsene mo molomong wa me.”

15Ke fa a nthaya a re: “Go siame, ke go dumelela dibi tsa kgomo boemong jwa mantle a motho gore o baakanye dijo tsa gago mo go tsona.”

16A ba a nthaya a re: “Morwa-motho, bona, ke tla senya seiphediso sa dijo mo Jerusalema. Ba tla ja dijo tse di lekantsweng ka tshwenyego, ba nwa metsi ka selekanyo ba reregile;

17gore ba tlhoke dijo le metsi, ba rerege, motho le morwa-rraagwe, ba tlhorege ka molato wa bone.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help