DIPESALEME 122 - Setswana 1970(TSW70)

Loboko lwa go baka Jerusalema

1Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Dafita.

E rile ba nthaya ba re:

“A re yeng kwa Ntlong

ya Morena!” ka itumela.

2Dinao tsa rona di eme

mo dikgorong tsa gago,

Jerusalema.

3Wena, Jerusalema,

yo o agilweng jaaka motse

o o kitlantsweng sentle,

4kwa ditso di tlhatlogelang teng,

e bong ditso tsa Morena:

Ke molao wa Baiseraele

go baka leina la Morena teng.

5Gonne ditulo tsa katlholo

di eme teng,

ditulo tsa ntlo ya ga Dafita.

6Kopang kagiso ya Jerusalema;

a ba ba go ratang

ba phele ka iketlo.

7A go nne kagiso mo kagong

ya phemelo ya lobota lwa gago,

le boiketlo mo matlong a gago

a borena.

8Ke tla bua ka ntlha ya bana

ba ga rre le dilekane tsa me ke re:

“A kagiso e nne mo go wena!”

9Ke tla go batlela se se molemo

ka ntlha ya Ntlo ya Morena,

Modimo wa rona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help