SAGARIA 11 - Setswana 1970(TSW70)

Tatlhego ya baba ba Baiseraele

1Lebanone, bula dikgoro tsa

gago gore molelo o je mesetere

ya gago!

2Gwetla, setlhare sa mosiperese,

gonne mosetere o wele,

ditlhare tse dintle di sentswe;

gwetlang, ditlhare

tsa eike tsa Basane,

ka sekgwa sa tshutlhankga

se remilwe.

3Utlwa! Badisa ba a gwetla,

gonne mafulo a mantle a bone

a sentswe.

Utlwa! Ditawana di a duma,

gonne sekgwa se sentle

sa Joretane se sentswe.

Modisa yo o molemo le yo o sa siamang

4 Morena, Modimo wa me, o buile jaana a re: “Disa dinku tse di tlhajwang!

5Ke tse bareki ba tsona ba di tlhabang, ba sa ipone molato; mme ba ba di rekisang ba re: ‘A Morena a bakwe, gonne ke humile!’ Badisa ba tsona ga ba di rekegele.

6“Gonne ga nkitla ke tlhola ke rekegela baagi ba lefatshe le,” go bua Morena. “Bonang, ke tla tsenya motho mongwe le mongwe mo seatleng sa mongwe-ka-ene le mo seatleng sa kgosi ya gagwe, mme ba tla fetola lefatshe sekaka; ga nkitla ke ba pholosa mo diatleng tsa bone.”

7Jaanong ka disa dinku tse di tlhajwang. Tota e ne e le dinku tse di tlhomolang pelo! Ka tsaya dithobane di le pedi, nngwe ka e bitsa “Bopelonomi”, e nngwe ka e bitsa “Kutlwano”, ka fudisa letsomane.

8Ka ba ka nyeletsa badisa ba le bararo mo kgweding e le nngwe; ke fa ke fela pelo ka ntlha ya bona, mme le bona ba se ka ba tlhola ba mpatla.

9Ka ba ka re: “Ga ke tlhole ke rata go lo disa. Se se swang a se swe! Se se nyelelang a se nyelele! Mme a tse di setseng di jane!”

10Ke fa ke tsaya thobane ya me ya “Bopelonomi”, ke e roba, e le go senya kgolagano ya me e ke e dirileng le merafe yotlhe.

11Ya senyega jalo ka letsatsi leo; mme dinku tsa letsomane tse di tlhomolang pelo, tse di neng di ntse di nkutlwa, tsa lemoga ka mokgwa o, fa e le Lefoko la Morena.

12Jaanong ka ba raya ka re: “Fa lo bona gore go tshwanetse, mpheng tuelo ya me; fa go se jalo, lesang!” Ke fa ba ntekanyetsa tuelo ya me, e bong diselefera di le somamararo.

13Foo Morena a nthaya a re: “Di latlhele mmopi wa dinkgwana tlhwatlhwa e kgolo e, e e seng ya sepe, e ba nkaileng yona.” Ka tsaya diselefera di le somamararo, ka di latlhela mmopi wa dinkgwana mo Ntlong ya Morena.

14Ka ba ka roba thobane ya bobedi ya me ya “Kutlwano”, e le go senya kutlwano ya bana ba motho, ya Juta le Iseraele.

15Morago ga moo Morena a nthaya a re: “Tsaya gape dilo tsa modisa, mme e le wa seeleele.

16Gonne bona, ke tla tsosa modisa mo lefatsheng yo o sa tlholeng tse di latlhegileng, a sa batle tse di phatlaletseng, a sa alafe tse di robegileng, a sa tlamele tse di itekanetseng; mme a ja nama ya tse di nonneng, a garolaka ditlhako tsa tsona.

17A tatlhego wee ya modisa yo e seng wa sepe, yo o tlogelang letsomane! A tšhaka e reme letsogo la gagwe le leitlho le le jang la gagwe! A letsogo la gagwe le omelele ruri, a leitlho le le jang la gagwe le swele ruri.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help